LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/01 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 12/01 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. January: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. February: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go tla dirwa boiteko jo bo kgethegileng go simolola dithuto tsa Baebele tsa magae.

◼ Tsweetswee elang tlhoko gore Segopotso sa ngwaga wa 2003 se tla nna ka Laboraro, April 16, fa letsatsi le sena go phirima. Kitsiso eno e dirwa go sa le gale gore bakaulengwe ba kgone go dira dithulaganyo tse di tlhokegang kana ba hire diholo tse dingwe fa go na le diphuthego di le mmalwa tse di tla dirisang Holo ya Bogosi mme go tshwanetse ga batlwa mafelo a mangwe. Bagolwane ba tshwanetse go dumalana le batsamaisi go tlhomamisa gore ga go na go nna le ditiro tse dingwe tse di kgoreletsang tse di tla bong di dirwa mo kagong eno gore Segopotso se ka tshwarwa ka kagiso le ka thulaganyo. Ka ntlha ya botlhokwa jwa tiragalo eno, fa setlhopha sa bagolwane se abela mongwe go neela puo ya Segopotso, se tshwanetse sa tlhopha mongwe wa bagolwane ba ba tshwanelegang sentle, e seng go refosanya fela kana go dirisa mokaulengwe a le mongwe ngwaga le ngwaga. Fa go na le mogolwane yo o nang le bokgoni wa motlodiwa yo o ka kgonang go neela puo, go tshwanetse ga tlhophiwa ene.

◼ Bakaulengwe le bokgaitsadi mo Afrika Borwa le mo dinageng tsa boagelani ba tlhoka diaparo tse di phepa tse ba ka kgonang go di dirisa tse beng ba tsone ba sa tlholeng ba di dirisa, le ditlhako tse di leng mo seemong se se siameng. Tsweetswee lo se kopanye diaparo tsa banna le tsa basadi le tsa bana, tshwayang kgetsi nngwe le nngwe sentle lo bo lo di romela kwa ofising ya lekala.

◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Dikopano tsa kgaolo tse di latelang di phimotswe, ntle le fa go bontshitswe ka tsela e nngwe:

December 14-16: Soweto (Sezulu 1)

December 21-23: Soweto (Sezulu 2)

January 4-6, 2002: Roodepoort Athletics Stadium (Sezulu; kopano e ntšha)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela