Batho ba ba Itumetseng go Gaisa Botlhe mo Lefatsheng
1 “Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!” (Pes. 144:15) Mafoko ano a tlhalosa Basupi ba ga Jehofa e le batho ba ba itumetseng go gaisa botlhe mo lefatsheng. Ga go sepe se se ka itumedisang motho thata jaaka go direla Modimo a le mongwe fela wa boammaaruri le yo o tshelang, e bong Jehofa. E re ka e le “Modimo yo o itumetseng,” batho ba ba mo obamelang le bone ba itumetse. (1 Tim. 1:11) Ke dikarolo dife tsa kobamelo ya rona tse di dirang gore re itumele thata jaana?
2 Mabaka a go Itumela: Jesu o ne a re tlhomamisetsa gore re tla bona boitumelo fa re ‘tshwenyega ka se re se tlhokang semoyeng.’ (Math. 5:3) Go ithuta Baebele ka metlha le go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete go re thusa go bona dilo tseno tse re di tlhokang semoyeng. Go ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo go re golotse mo maakeng le mo dikgopolong tse di phoso tsa bodumedi. (Joh. 8:32) Gape Dikwalo di re rutile tsela e e molemolemo ya go tshela. (Isa. 48:17) Ka ntlha ya seo, re ipelela botsalano jo bo molemo jwa Bokeresete mo phuthegong e e itumetseng ya bakaulengwe ba rona.—1 Bathes. 2:19, 20; 1 Pet. 2:17.
3 Re bona kgotsofalo e kgolo thata ka go ikobela ditekanyetso tsa Modimo tse di kwa godimo tsa boitshwaro, ka gonne re a itse gore seno se a re sireletsa e bile se dira gore Jehofa a itumele. (Dia. 27:11) Mmegadikgang mongwe o ne a bolela jaana: “Le fa Basupi ba ga Jehofa ba na le ditekanyetso di le dintsi tse di gagametseng, ga go lebege ba sa itumela. Nnyaa ba itumetse. Bana mmogo le bagolo [ba ba leng mo gare ga bone] ba lebega ba itumetse ka metlha e bile ba dira dilo ka tekatekano.” Re ka thusa ba bangwe jang gore le bone ba itumele mo botshelong jaaka rona?
4 Thusa ba Bangwe Gore ba Itumele: Lefatshe leno ga le a itumela gotlhelele, mme batho ka kakaretso ba bona go se sepe se se itumedisang ka isagwe. Le fa go ntse jalo, rona re na le isagwe e e itumedisang, e re ka re itse gore ka letsatsi lengwe khutsafalo yotlhe e tlile go fela. (Tshen. 21:3, 4) Ka jalo, re dira gore re nne le seabe ka tlhoafalo mo bodireding, re batla batho ba ba dipelo di ikanyegang ba re ka ba bolelelang tsholofelo ya rona le se re se dumelang ka ga Jehofa.—Esek. 9:4.
5 Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela o ne a re: “Ga go sepe se se itumedisang go feta go thusa batho gore ba itse Jehofa le boammaaruri jwa gagwe.” A re direng sotlhe se re ka se kgonang go kgothaletsa batho ba le bantsi go amogela dithuto tsa magae tsa Baebele. Go direla Jehofa le go intsha setlhabelo gore re thuse ba bangwe go mo direla go re itumedisa fela thata.—Dit. 20:35.