LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/02 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 4/02 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Baboledi ba tshwanetse go itsise beng ba matlo gore ba ka nna ba ntsha moneelo wa tiro ya lefatshe lotlhe fa ba rata. Fa motho a bontsha kgatlhego fa o dira loeto lwa go boela, mo tsenye mo lenaaneng la batho ba o ba isetsang dimakasine ka metlha. Tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng, ka maikaelelo a go simolola dithuto tsa Baebele. June: Modimo o Batla Gore re Direng? kana Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Fa beng ba matlo ba na le dikgatiso tseno, tsamaisa boroutšhara jo bo tshwanelang jo phuthego e nang le jone mo setokong. July: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bōnañ! Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo o Mo Ratang A Tlhokafala, Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Diboroutšhara tsa Buka ya Batho Botlhe, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? di ka nna tsa tsamaisiwa fa go tshwanela.

◼ Go botlhokwa gore ofisi ya lekala e nne le rekoto e e mo nakong ya diaterese le dinomoro tsa thelefouno tsa balebedi botlhe ba ba okamelang le bakwaledi. Fa go ka direga gore go nne le diphetogo le fa e le leng fela, Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go tlatsa foromo ya Presiding Overseer/Secretary Change of Address (S-29), e bo e e saena le go e romela kwa ofising ya lekala ka bonako. Seno se akaretsa diphetogo dipe tse di amanang le khouto ya poso.

◼ Bakwaledi ba diphuthego ba tshwanetse go nna le diforomo tse di lekaneng tsa Application for Regular Pioneer Service (S-205) le Application for Auxiliary Pioneer Service (S-205b). Diforomo tseno di ka otariwa mo go Literature Request Form (S-14). Dirang gore lo nne le setoko se se tla tsayang ngwaga otlhe. Tlhatlhobang diforomo tsotlhe tsa go kopa go nna mmulatsela wa ka metlha go tlhomamisa gore di tladitswe ka botlalo. Fa ba ba kopang go nna babulatsela ba sa kgone go gakologelwa sentle letlha le ba kolobeditsweng ka lone, ba tshwanetse go akanyetsa gore e ka tswa e le lefe mme ba kwale lone ka metlha.

◼ Ka metlha fa o dira dithulaganyo tsa go eta tse di akaretsang go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego, kwa kopanong ya potologo, kana ya kgaolo kwa nageng e nngwe, fa o kopa tshedimosetso e e malebana le matlha, dinako le mafelo a di tshwarelwang kwa go one, o tshwanetse go romela kopo ya gago kwa ofising ya lekala le le okametseng tiro mo nageng eo. Diaterese tsa diofisi tsa makala di kwadilwe mo tsebeng ya bofelo ya Yearbook ya bosheng.

◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa dibolumo tsa 2001 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Dibolumo tseno di tla nna teng ka Seesemane, Sejeremane le Sepotokisi. Go fitlha dibolumo tseno di nna teng le go romelwa, di tla tlhaga mo lenaaneng la dilwana tse di pakilweng tsa phuthego e le “Tse di Iseng di Romelwe.” Dibolumo tseno ke dilwana tsa kopo e e kgethegileng.

◼ Go simolola ka beke ya September 16, 2002, re tla bo re ithuta Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II mo Thutong ya Buka ya Phuthego. Diphuthego di kgothalediwa gore di otore buka eno go santse go na le nako.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela