Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamasiwang ka May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Fa motho a bontsha kgatlhego fa o dira maeto a go boela, mo akaretse mo go ba o ba isetsang dimakasine ka metlha. Tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng, ka maikaelelo a go simolola dithuto tsa Baebele. June: Modimo o Batla Gore re Direng? kana Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Fa beng ba matlo ba na le dikgatiso tseno, tsamaisa boroutšhara jo bo tshwanelang jo phuthego e nang le jone mo setokong. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bōnañ! Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo o Mo Ratang A Tlhokafala, Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Diboroutšhara tsa Buka ya Batho Botlhe, le Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? di ka nna tsa tsamaisiwa fa go tshwanela.
◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka June 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego morago ga gore go balwe pego e e latelang ya diakhaonto.
◼ Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go founela Lefapha la Dibuka Kwa Bethele fa a sa amogela otoro ya phuthego ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ka letsatsi la bo20 la kgwedi e e tlang pele ga letlha la tsone.
◼ Dikhasetse Tse Disha Tse di Leng Teng:
Keep Your Eye Simple (Terama, khasete e le nngwe)—Sepotokisi
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Teng ka Mokwalo wa Difofu:
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo (dibolumu di le nnè)—Mokwalo wa Difofu wa Grade Two ka Seesemane