Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bōnañ! Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo o Mo Ratang A Tlhokafala, Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Diboroutšhara tsa Buka ya Batho Botlhe, le Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? di ka nna tsa tsamaisiwa fa go tshwanela. September: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Tsamaisetsa batho ba ba bontshitseng kgatlhego boroutšhara jwa Re Direng mme o dire boiteko jwa go simolola dithuto tsa Baebele.
◼ Go simolola ka September, balebedi ba potologo ba tla neela puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Sireletsa Bokeresete Jwa Gago!”
◼ Go botlhokwa gore molebedi yo o okamelang a itsise Ofisi ya Bethele pele ka go kwala lekwalo kgotsa ka go founa fa go na le setlhopha sa batho ba le 20 kana go feta ba ba rulaganyetsang go etela dikago tsa lekala ka bese kgotsa ka taxi. O kopiwa go bolela gore go tla ba le kae, ba tla ka letlha lefe le gore ba tla goroga nako mang. TSWEETSWEE ROMELA TSHEDIMOSETSO ENO GO SA NTSE GO NA LE NAKO. Ga go na thulaganyo ya go bona moago wa Bethele morago ga ura ya bo12 motshegare ka Matlhatso, mme moago wa Bethele o ka bonwa ka malatsi a boikhutso a a welang mo malatsing a beke. Pele ga lo eta, tsweetswee boeletsang Lebokoso la Dipotso le le mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1998 le le buang ka moaparo le go ipaakanya mo mmeleng fa re etela dikago tsa Bethele.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa diforomo tse di lekaneng tsa ngwaga wa tirelo wa 2003 fa di romela kopo ya tsone ya dibuka ya July. Tsweetswee dirisang diforomo tseno ka go di somarela. Di tshwanetse go dirisediwa fela boikaelelo jwa tsone.
◼ Dikhasete Tse Disha Tse di Leng Teng:
A Satisfying Life—How to Attain It—Seesemane
Warning Examples for Our Day (Terama, khasete e le nngwe)—Sepotokisi
◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Leng Gone:
What Does God Require of Us—Puo ya Diatla ya Kwa Amerika
◼ Dikhasete Tsa Bidio Tse Disha Tse di Leng Teng:
The Greatest Man Who Ever Lived, Bolumo 9—Puo ya Diatla ya Kwa Amerika