LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/02 ts. 11
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 10/02 ts. 11

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Tsamaisetsa batho ba ba bontshitseng kgatlhego boroutšhara jwa Re Direng mme o leke go simolola dithuto tsa Baebele. November: Modimo o Batla Gore re Direng? kgotsa Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Fa beng ba matlo ba na le dikgatiso tseno, go ka nna ga tsamaisiwa buka nngwe ya bogologolo. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. January: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. Diphuthego tse di nang le buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo di ka tsamaisa yone.

◼ Kgatiso eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi e na le tsenyeletso ya “Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2003,” mme e tshwanetse go bewa sentle gore e dirisiwe mo ngwageng otlhe wa 2003.

◼ Fa e le gore nako ya dipokano tsa phuthego ya lona e tlile go fetoga ka January 1, mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go itsise ofisi ya lekala ka go romela foromo ya Congregation Meeting Information (S-5). Go ka nna ga otariwa dipampitshana tse disha tsa taletso fa di tlhokega, ka go romela foromo ya Handbill Request (S-16). Dipampitshana tsa taletso di tshwanetse go kopiwa bobotlana dibeke di le robedi pele ga nako e lo di batlang ka yone.

◼ Gantsi ofisi ya lekala e romelela balebedi ba ba etang makwalo ka leina la molebedi yo o okamelang wa phuthego e a e etelang kgotsa e a tla e etelang gautshwane. Makwalo ano ke khupamarama. Balebedi ba ba etang ba bolela gore ka dinako di le dintsi ba amogela makwalo a a butsweng ka phoso. Go thibela seno gore se seka sa direga, balebedi ba ba okamelang ba tshwanetse gore ba ele tlhoko leina la motho yo lekwalo le yang kwa go ene mo makwalong otlhe a ba a amogelang pele ba a bula. Ba tshwanetse go ela seno tlhoko thata fa phuthego e le gaufi le go etelwa ke molebedi yo o etang. Molebedi yo o etang o tshwanetse go newa makwalo otlhe a gagwe ka seatla, a sa bulwa.

◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa ditemana tsa ngwaga tsa 2003 mo kopong ya tsone ya dibuka ya October. Tsweetswee elang tlhoko phetogo e e latelang: Ditemana tsa ngwaga di tshwanetse go kopiwa go dirisiwa foromo ya “Order Form for 2003 Yeartext” e e romeletsweng phuthego ya lona. Temana e le nngwe ya ngwaga ke R22,00 mme e tla romelwa fa phuthego ya lona e sena go duela. Temana ya ngwaga e tla bo e le teng ka Seburu, Seesemane, Sesotho, Sexhosa le Sezulu. Diphuthego di ka kopa fela temana e le nngwe ya ngwaga ka puo e le nngwe fela. Go akantshiwa gore diphuthego di pege temana e ntšha ya ngwaga ka January 1, 2003.

◼ Tsweetswee elang tlhoko gore go simolola ka October 1, 2002 dinomoro tsa rona tse di latelang tsa fax di tla fetoga:

Ya Dibuka (011-761-1207)

Ya Lephata la Tirelo (011-761-1433)

Tsweetswee elang tlhoko gore go tshwanetse ga romelwa fax fa fela go na le maemo a tshoganyetso. Re kgothaletsa botlhe gore ba tswelele ba romela ka poso kopo ya bone ya dibuka, dipego tsa phuthego le dipotso tse ba nang le tsone.

◼ Dikhasete Tse Disha Tsa Bidio Tse di Leng Teng:

Respect Jehovah’s Authority—On Videocassette—Puo ya Diatla ya Amerika Puo, Seesemane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela