A o Dira Seabe sa Gago Gore go Dirwe Pego e e Nepileng?
1 Dipego di le dintsi tsa Baebele di akaretsa dipalo tse di nepileng, tse di thusang go bontsha sentle se tota se diragetseng. Ka sekai, Gidione o ne a fenya bothibelelo jwa Midiana a na le banna ba le 300 fela. (Baatlh. 7:7) Moengele wa ga Jehofa o ne a bolaya masole a Baasiria a le 185 000. (2 Dikg. 19:35) Ka Pentekosete ya 33 C.E. go ile ga kolobediwa batho ba ka nna 3 000 mme ka bonakonyana fela morago ga moo palo ya badumedi e ne ya oketsega go nna 5 000. (Dit. 2:41; 4:4) Go bonala sentle mo dipegong tseno gore batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba ne ba dira maiteko a magolo go kwala pego e e feletseng le e e nepileng.
2 Phuthego ya ga Jehofa gompieno e re laela gore re bege tirelo ya rona ya tshimo kgwedi le kgwedi. Fa re latela thulaganyo eno ka boikanyego go tla dira gore tiro ya go rera e tlhokomelwe sentle. Dipego di ka nna tsa bontsha gore karolo nngwe ya bodiredi e tlhoka go newa tlhokomelo kgotsa gore go tlhokega badiri ba ba oketsegileng mo karolong e e rileng ya tshimo. Mo phuthegong, dipego tsa tirelo ya tshimo di thusa bagolwane go bona ba ba nang le bokgoni jwa go oketsa bodiredi jwa bone mmogo le ba ba ka tswang ba tlhoka thuso. Mme dipego tsa kafa tiro ya go rera ka Bogosi e gatelang pele ka teng di kgothatsa bakaulengwe botlhe ba Bakeresete. A o dira seabe sa gago gore go dirwe pego e e nepileng?
3 Boikarabelo Jwa Gago: Kwa bofelong jwa kgwedi, a o fitlhela go le thata go gakologelwa gore o berekile jang mo bodireding? Fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa o sa kwale kafa o berekileng ka teng nako nngwe le nngwe fa o le mo tirelong ya tshimo? Bangwe ba dirisa khalendara kgotsa diary. Ba bangwe ba tshola pampitshana e e sa kwalwang sepe ya go bega tirelo ya tshimo. Fa kgwedi e fela, neela molebedi wa thuto ya gago ya buka pego ya tirelo ya gago ya tshimo ka bonako. Fa o lebala go isa pego ya gago, ikgolaganye ka bonako le molebedi wa gago wa thuto ya buka go na le go emela gore ene a tle kwa go wena. Go nna kelotlhoko go bega tiro ya gago go bontsha gore o tlotla thulaganyo ya ga Jehofa e bile o akanyetsa ka lorato bakaulengwe ba ba abetsweng go kgobokanya le go kopanya dipego.—Luke 16:10.
4 Seabe sa Molebedi wa Thuto ya Buka: E re ka molebedi wa thuto ya buka e le modisa yo o ntshitseng matlho dinameng e bile a amega ka ba bangwe, o fetsa kgwedi yotlhe a kgatlhegela tiro e e dirwang ke ba ba mo setlhopheng sa gagwe. (Dia. 27:23) O itse gore a mmoledi mongwe le mongwe o itumelela go nna le seabe ka botlalo ka metlha, mme o bonako go thusa fa go na le ba ba sa nnang le seabe mo bodireding kgwedi yotlhe. Gantsi go tlhokega fela gore a kgothatse, a ntshe kakantsho e e mosola, kgotsa a kope mmoledi go tsamaya le ene mo tirelong ya tshimo.
5 Fa kgwedi e fela, molebedi wa thuto ya buka o tlhomamisa gore botlhe mo setlhopheng ba dirile maikarabelo a bone a go bega tiro ya bone gore mokwaledi a kgone go romela pego e e nepileng ya phuthego kwa ofising ya lekala pele ga letsatsi la borataro la kgwedi e e latelang. Fa kgwedi e ela go fela, go ka mo thusa gore a gakolole setlhopha mme a dire gore dipampitshana tsa dipego di nne teng kwa lefelong le go tshwarelwang thuto ya buka kwa go lone. Fa go na le ba ba lebalang go bega tiro ya bone, o ka ba gakolola ka tsela e e siameng le go ba kgothatsa.
6 Go tlisa dipego tsa rona tsa tirelo ya tshimo ka bonako go thusa gore go dirwe pego e e nepileng ya se se dirilweng mo tshimong. A o tla dira seabe sa gago ka go bega tirelo ya gago ya tshimo ka bonako kgwedi nngwe le nngwe?