Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka November: Modimo o Batla Gore re Direng? kgotsa Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Fa e le gore batho ba setse ba na le dikgatiso tseno, ba ka nna ba newa buka ya Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri kgotsa kgatiso nngwe ya bogologolo. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Gape go ka nna ga tsamaisiwa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela kgotsa Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Go ka nna ga tsamaisiwa buka ya O Ka Tshelela Ruri Mo Lefatsheng la Paradaise fa phuthego e na le yone mo setokong. January: Buka epe fela e e gatisitsweng pele ga 1988 e phuthego e ka tswang e na le yone mo setokong. Fa e le gore ga lo na epe ya dibuka tseno mo setokong, tsweetswee tlholang gore a diphuthego tse di fa gaufi di ka tswa di na le dibuka tseno tsa bogologolo di le dintsi gore lo ka di dirisa. Diphuthego tse di se nang dibuka tsa bogologolo di ka tsamaisa buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo kgotsa Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. February: Atamalana le Jehofa.
◼ Molebedi yo o okamelang kgotsa mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka December 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego morago ga gore go balwe pego e e latelang ya diakhaonto.
◼ Molebedi yo o okamelang o tshwanetse a romela pego ya Unassigned Territory Assignment (S-91) le maitemogelo ape fela a a kgatlhang kwa ofising ya lekala pele ga November 19, 2003. Tsweetswee tlhomamisa gore go dirisiwa setempe sa madi a a lekaneng enfelopo e kgolo.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa dibolumo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tsa 2003 mo otareng ya tsone e e latelang ya dibuka. Dibolumo tseno di tla bo di le gone ka Se-China, Se-Croatia, Se-Dutch, Seesemane, Sefora, Sejeremane, Segerika, Sentadiana, Sejapane, Sekorea, Se-Poland, Sepotokise, Seromania, Se-Russia le Se-Spain. Go fitlha dibolumo tseno di nna teng le go romelelwa diphuthego, di tla tlhaga di kwadilwe “Ga di Ise di Romelwe” mo lenaaneng la dilwana tse di romelelwang diphuthego. Dibolumo ke dilwana tsa otara e e kgethegileng.
◼ Fa mokwaledi a sena go amogela lokwalo lo lo supang madi a a tshwanetseng go duelwa a Thulaganyo ya go Thusa mo Diholong Tsa Bogosi, e e romelwang kwa tshimologong ya ngwaga, o tshwanetse a tlhomamisa gore moneelo wa ngwaga le ngwaga o duelwa ka bonako morago ga moo. Marulelo a Holo nngwe ya Bogosi a ne a tsewa ke phefo mme phuthego ya ikwatlhaela go bo go fetile dingwaga tse tlhano e sa ntshe moneelo ono wa ngwaga le ngwaga. Fa phuthego e sa kgone go ntsha moneelo ono ka gangwe fela, bolelela phuthego gore ke boikarabelo jwa yone mme lo dire maitlamo a madi a lo tla a ntshang gore fa ngwaga o fela lo bo lo duetse madi ao.
◼ Diphuthego tse di iseng di kope dikarata tsa Advance Medical Directive/Release le Identity Card di tshwanetse go di tsenya mo kopong ya tsone ya dibuka ya December. Tsweetswee di kopeng ka ditlhopha tsa 20. Lo se ka lwa ntsha dikarata tseno. Di bolokeng go fitlha lo newa ditaelo tse dingwe mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi.
◼ Diphuthego tse go nang le metšhine ya bidio e di ka e dirisang di tshwanetse tsa tlhomamisa gore di nna le bogolo bidio e le nngwe fela ya Meeting Patients Needs and Rights (vcnr-E) e re ka go tla tlotliwa ka yone mo puong nngwe ya Pokano ya Tirelo ka January.
◼ TSWEETSWEE ELANG TLHOKO: Letlha la kopano e e latelang ya kgaolo le fetogile:
January 3, 4, 2004:
Katima Mulilo (Seesemane/Selozi)
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Teng:
Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela—Se-Ndonga