9Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Diphuthego tse dingwe tse pedi di ne tsa itumela thata fa Diholo tsa tsone Tsa Bogosi di ne di neelwa. Tsone ke Silverton (Pretoria) ka October 11, 2003, le Metz (Polokwane) ka January 17, 2004.
Dikopano tse nnè tsa “Nayang Modimo Kgalalelo” tsa Ditšhabatšhaba tse di neng di tshwerwe ka December 4-7, 2003, di ne tsa atlega thata. Go ne ga nna le dikakgelo di le dintsi tse di molemo tsa go anaanela thulaganyo e e agang le go itumelela botsalano le baeng ba ba tswang kwa dinageng di le dintsi, go akaretsa le tiro ya bonatla e e dirilweng ke baithaopi gore kopano e tsamaisiwe sentle. Batho botlhe ba ba neng ba le gone ba ne ba le 95 583 mme go ne ga kolobediwa ba le 1 234.