Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka April 25, 2005. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya March 7 go ya go April 25. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Fa re baakanyetsa puo, re ka dirisa jang dintlha tse re di abetsweng ka tsela e e molemo, mme ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa? [be-TN ts. 234 dir. 1-3, mabokoso]
2. Re tshwanetse go akaretsa dintlha tse di kana kang mo puong e re e abetsweng? [be-TN ts. 234 ser. 4–ts. 235 ser. 1]
3. Re ka dirisa jang dipotso mo bodireding jwa tshimo go tsweletsa motlotlo? (Dit. 8:30) [be-TN ts. 236 dir. 2-5]
4. Re ka dirisa jang dipotso go thusa baithuti ba Baebele gore ba dirise ‘maatla a bone a go akanya?’ (Bar. 12:1) [be-TN ts. 238 ser. 1]
5. Dipotso tse di bodiwang mo go Baroma 8:31, 32 le Isaia 14:27 di ile tsa fitlhelela eng? [be-TN ts. 239 dir. 1-2]
PUO NO. 1
6. Mo tirong ya rona ya go dira barutwa, re ‘aga Keresete e le motheo’ ka tsela e e ntseng jang? (1 Bakor. 3:11) [be-TN ts. 278 dir. 1-2]
7. E re ka Jehofa a file Morwawe taolo yotlhe ya go busa ka 1914, maitlhomo a rona ke eng fa re rapela re re “A Bogosi jwa gago bo tle”? (Math. 6:9, 10) [be-TN ts. 279 ser. 4]
8. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete botlhe ba tshwanetse go kgatlhegela go itse go bala, mme Jesu o ne a tlhoma jang sekao mo go seno? [w03-TN 3/15 ts. 10 ser. 5; ts. 12 ser. 2]
9. Dikao tsa ga Josia le Jesu di ka thusa basha jang go gatela pele semoyeng? [w03-TN 4/1 ts. 8 dir. 3-4; ts. 10 ser. 3]
10. Ke ka ntlha yang fa re ka ikanya Modimo? (Dia. 3:5, 6) [w03-TN 11/1 ts. 4 dir. 6-7]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Ke ka ntlha yang fa Hana a ne a rapela gore Jehofa a “neye kgosi ya gagwe nonofo” fa go ne go se na motho ope yo e neng e le kgosi mo Iseraele? (1 Sam. 2:10)
12. Ke eng se re ka ithutang sone mo ntlheng ya gore Baiseraele ba ne ba fenngwa le fa letlole la kgolaganyo le ne le le mo gare ga bone? (1 Sam. 4:3, 4, 10)
13. Ke ka ntlha yang fa 1 Ditiragalo 2:13-15 e re Dafide ke morwa wa bosupa wa ga Jese, fa 1 Samuele 16:10, 11 yone e re e ne e le wa borobedi?
14. “Moya o o bosula” o o neng o bogisa Saulo e ne e le eng? (1 Sam. 16:14)
15. A polelelopele e e neng ya bolelwa ke “Samuele” ka mosadi yo o buang le badimo wa kwa Ene-dore e ne e le boammaaruri? (1 Sam. 28:16-19)