LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/05 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 8/05 ts. 7

Dikitsiso

◼ August: Boroutšhara bope fela jwa ditsebe tse 32, kwantle ga jwa Basupi ba ga Jehofa le Thuto, Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?, Basupi ba ga Jehofa—Ke Bomang? Ba Dumela Eng? le ‘Bona Lefatshe le le Molemo.’ September: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

◼ Botlhe ba kgothalediwa gore ba tlhokomele ditsebe 5 le 6 tsa kgatiso eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi gore ba kgone go di dirisa fa go tla bo go boelediwa thulaganyo ya kopano ya potologo le kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe tsa ngwaga wa tirelo wa 2006.

◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka September 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa phuthego e na le akhaonto e nngwe, e e tshwanang le ya go baakanya holo kana ya go aga, go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore le yone e tlhatlhobiwe. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego ka nako ya fa go balwa pego e e latelang ya diakhaonto.

◼ Go balwa ga ngwaga le ngwaga ga dibuka tsotlhe le dimakasine tse di leng teng go tshwanetse ga dirwa ka August 31, 2005 kana gaufi ka mo go ka kgonegang ka teng le letlha leo. Go balwa gono ga dibuka go tshwana le mo go dirwang ke mookamedi wa dibuka kgwedi nngwe le nngwe, mme palogotlhe ya tsone e tshwanetse go kwalwa mo foromong ya Literature Inventory (S-18). Palogotlhe ya dimakasine tse di leng teng, e ka bonwa mo batlhankeng ba dimakasine. Mokwaledi wa phuthego e e okametseng, o tshwanetse go okamela go balwa gono ga dibuka. Ene mmogo le molebedi yo o okamelang wa phuthego e e e okametseng ba tla saena foromo eno. Phuthego nngwe le nngwe e e okamelang e tla amogela diforomo di le tharo tsa Literature Inventory (S-18). Tsweetswee lo romele ofisi ya lekala foromo e e seng ya khabone mme e se ka ya nna morago sa September 6. Ipolokeleng khopi ya khabone mo difaeleng tsa lona. Lo ka nna lwa dirisa khopi ya boraro go balela mo go yone.

◼ Diphuthego di tshwanetse go kopa dilwana tse di latelang mo kopong e e latelang ya tsone ya dibuka:

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2006

2006 Calendar of Jehovah’s Witnesses

2006 Yearbook of Jehovah’s Witnesses

Baboledi ba tshwanetse go ikopela dilwana tseno ka bobone mo khaontareng ya dibuka.

◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa dibetšhe tsa kopano ya kgaolo ya 2005 fa di dira kopo ya tsone ya dibuka ya September. Dibetšhe di tla nna gone ka Seesemane, Sepotokisi, Sesotho, Sexhosa le Sezulu.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2005—Ditshupiso Tsa Puo ya Diatla ya Kwa Amerika

Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!—Mokwalo o Mogolo—Sechichewa

Watch Tower Publications Index 2002—Sepotokisi

Watch Tower Publications Index 2003—Puo ya Diatla ya Kwa Amerika

Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri—Mokwalo o Mogolo—Sechichewa

◼ Di-Compact Disc Tse Disha Tse di Gone:

Beware of Losing Faith by Drawing Away From Jehovah—Seesemane

Families—Make Daily Bible Reading Your Way of Life!—Seesemane

Jehovah Delivers Those Calling Upon His Name—Seesemane

Jehovah’s Judgment Against Law-Defying People—Seesemane

Keep Your Eye Simple—Seesemane

◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Gone:

Album for The Watchtower Announcing Jehovah’s Kingdom—2005—Puo ya Diatla ya Kwa Amerika

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela