LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/05 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 11/05 ts. 3

Dikitsiso

◼ November: Ithute mo Morutising yo Mogolo. December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. January: Buka epe fela e e gatisitsweng pele ga 1991 e phuthego e ka tswang e na le yone mo setokong. Fa e le gore ga lo na dipe tsa dibuka tseo mo setokong, tsweetswee tlholang gore a diphuthego tse di gaufi di na le dingwe tsa dibuka tsa bogologolo tse lo ka di dirisang. Diphuthego tse di se nang dibuka tsa bogologolo di ka nna tsa tsamaisa boroutšhara jwa Nnang lo Disitse!

◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka December 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Fa go na le akhaonto e nngwe ya banka, jaaka ya go tlhokomela Holo kana ya kago, go tshwanetse ga rulaganngwa gore le yone e tlhatlhobiwe. Fa seno se dirilwe, itsise phuthego mo pegong e e latelang ya diakhaonto. Diphuthego tsotlhe tse di kwadisitsweng go nna maloko a Public Benefit Organizations (PBOs) di kopiwa gore fa di sena go tlhatlhoba diakhaonto tsa tsone tsa phuthego tsa September, October le November, di di romele kwa ofising ya lekala. Ka fa ntle ga enfelopo kwalang gore di ya kwa Accounting Office.

◼ Molebedi yo o okamelang: Tsweetswee tlhomamisa gore pego ya Unassigned Territory Assignment (S-91) e tladiwe le go romelwa kwa ofising ya lekala mmogo le mmapa wa tshimo eo. Seno se tshwanetse go dirwa pele ga November 15, 2005. Akaretsa gape le maitemogelo ape a a kgatlhang. Go tshwanetse ga dirisiwa setempe sa madi a a lekaneng enfelopo e kgolo.

◼ Mo Pokanong nngwe ya Tirelo ka January go tla bo go tlotlwa ka bidio ya setlhogo se se reng Transfusion-Alternative Health Care—Meeting Patient Needs and Rights. Fa go tlhokega, go tshwanetse ga otariwa dikhopi tsa bidio eno ka bonako jo bo kgonegang. Diotara di romelwe ka phuthego.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela