LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/06 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
km 3/06 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka March: Ithute mo Morutising yo Mogolo. April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Totatota Baebele e Ruta Eng?

◼ E re ka April e na le mafelo beke a le matlhano a a tletseng, e ka nna kgwedi e e molemo go tsaya bobulatsela jo bo thusang.

◼ Segopotso se tla tshwarwa ka Laboraro, April 12, 2006. Fa phuthego ya lona e tshwara dipokano ka Laboraro, dipokano tseno di tshwanetse go tshwarwa ka letsatsi le lengwe la beke fa Holo ya Bogosi e sa dirisiwe. Fa seno se sa kgonege mme go raya gore lo tlile go foswa ke Pokano ya Tirelo ya beke eno, dipuo tse di amang phuthego ya lona thata tsa beke eo di ka nna tsa neelwa mo Pokanong e nngwe ya Tirelo.

◼ Diphuthego di tshwanetse go ntsha dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka bonako fa di amogelwa. Seno se tla dira gore baboledi ba tlwaelane le diteng tsa dimakasine tseno pele ga ba di tsamaisa kwa tirelong ya tshimo. Tirelo ya Rona ya Bogosi le yone e tshwanetse go ntshiwa ka bonako fa e goroga. E ka nna ya ntshiwa mo Thutong ya Buka ya Phuthego.

◼ Go tla tlotliwa ka bidio ya Noah—He Walked With God kwa Pokanong ya Tirelo ka May. Fa go tlhokega, dibidio tseno di tshwanetse go otariwa ka phuthego ka bonako jo bo kgonegang.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone ka Mokwalo wa Difofu:

Pogo Yotlhe e Tloga e Fela! (Pampitshana No. 27)—Mokwalo wa Difofu wa Grade-two ka Seesemane

Totatota Baebele e Ruta Eng?—Mokwalo wa Difofu wa Grade-two ka Seesemane

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone:

Pogo Yotlhe e Tloga e Fela! (Pampitshana No. 27)—Seburu, Sechichewa, Se-Cibemba, Seesemane, Se-Khoekhoegowab, Sekwangali, Sekwanyama, Sendonga, Sepedi, Sepotokisi, Seshona, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, Sezulu, Silozi

Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika—Sepedi

Totatota Baebele e Ruta Eng?—Seburu, Sechichewa, Se-China se se Tlhofofaditsweng (Se-Pinyin), Se-Cibemba, Seesemane, Sefora, Segerika, Sekwangali, Sekwanyama, Sendonga, Sepedi, Sepotokisi, Seshona, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa, Sezulu, Silozi

Totatota Baebele e Ruta Eng? (Mokwalo o Mogolo)—Sechichewa, Se-Cibemba, Seesemane, Sefora, Sepotokisi, Seshona, Sezulu

◼ Dikhasete Tse Disha Tse di Leng Gone:

Totatota Baebele e Ruta Eng?—Seesemane

◼ Di-CD Tse Disha Tse di Leng Gone:

Totatota Baebele e Ruta Eng?—Seesemane, Sefora

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela