LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/07 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 1/07 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka January: Buka epe fela ya bogologolo, go akaretsa le buka ya Kitso, e phuthego e ka tswang e na le yone mo setokong. Fa e le gore ga lo na dipe tsa dibuka tseo mo setokong, tsweetswee tlholang le diphuthego tse di gaufi gore a di na le dingwe tsa dibuka tsa bogologolo tse lo ka di dirisang. Diphuthego tse di se nang dibuka tsa bogologolo di ka nna tsa tsamaisa boroutšhara jwa Nnang lo Disitse! February: Atamalana le Jehofa. March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!

◼ Go simolola ka February, mme e seng morago ga March 4, puo e ntšha ya balebedi ba potologo e tla nna ya setlhogo se se reng “Ke Mang yo o Tla Tshwanelegang go Tsena mo Lefatsheng le Lesha la Modimo?”

◼ Go tla tlotliwa ka bidio ya Young People Ask—What Will I Do With My Life? kwa Pokanong ya Tirelo ka April. Fa go tlhokega, dibidio tseno di tshwanetse go otariwa ka phuthego ka bonako jo bo kgonegang.

◼ Dibuka tsa rona tsa Se-China di gatisiwa ka mekwalo e mebedi. Gantsi batho ba ba tswang kwa Hong Kong le Taiwan ba bala mokwalo wa ntlhantlha, o o bidiwang “Chinese” (CH). Bontsi jwa babadi ba bangwe ba Ba-China gantsi ba bala mokwalo o o tlhofofaditsweng o o bidiwang “Simplified Chinese” (CHS). E re ka mokwalo o motho a o balang o sa amane le gore a o bua Se-Canton, Se-Mandarin, kgotsa puo e nngwe, go botlhokwa go utlwa mo go ene gore o batla mokwalo ofe. Bukana ya Good News for People of All Nations, tsebe 13-14, e ka nna ya dirisiwa go bapisa mekwalo eno ka yone. Ka go dira jalo, lo tla kgona go otara dibuka tsa mokwalo o o siameng.

◼ Diphuthego di tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tshwanetseng go keteka Segopotso monongwaga ka Mantaga, April 2, fa letsatsi le se na go phirima. Le fa gone puo e ka simolola letsatsi le ise le phirime, go tsamaisiwa ga ditshwantshetso ga go a tshwanela go simolola pele letsatsi le phirima. Botsang metswedi ya tshedimosetso ya lefelo la lona gore letsatsi le tla phirima nako mang mo lefelong la lona. Phuthego nngwe le nngwe e tshwanetse go leka go tshwara Segopotso sa yone. Le fa go ntse jalo, seno se ka nna sa se kgonege ka metlha. Koo diphuthego di le mmalwa di dirisang Holo e le nngwe ya Bogosi gone, gongwe diphuthego tse dingwe di ka batla lefelo le lengwe go le dirisa mo maitseboeng ao. Fa go kgonega, re akantsha gore thulaganyo e e latelang e simolole bobotlana metsotso e le 40 morago ga e e fetileng gore botlhe ba kgone go solegelwa molemo ke go tsalana le ba bangwe morago ga Segopotso. Gape go tshwanetse ga akanyediwa le maemo a pharakano le mafelo a go emisa dikoloi, go akaretsa le go folosiwa ga bapagami le fa ba tla go tsewa. Setlhopha sa bagolwane se tshwanetse sa dira tshwetso ya gore ke dithulaganyo dife tse di tla tshwanelang lefelo la bone.

◼ Bakwaledi ba phuthego ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba na le lekwalo la go tlhongwa ga mmulatsela (S-202) la mmulatsela mongwe le mongwe wa ka metlha mo phuthegong. Fa e le gore ga ba na makwalo ao, ba tshwanetse go itsise ofisi ya lekala ka go kwala lekwalo.

◼ Bakwaledi ba phuthego ba tshwanetse go tlhomamisa gore aterese ya Holo ya Bogosi le nomoro ya thelefouno di tlhagelela mo bukeng ya thelefouno ya lefelo la bone.

◼ Tiro e e Kgethegileng ka March, April, le May: March, April, le May ke nako ya go oketsa tirelo ya rona. Baboledi ba le bantsi ba tla nna le seabe mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang. Balebedi ba tirelo ba kgothalediwa go simolola go dira dithulaganyo tsa gore phuthego ya bone e nne le seabe se se oketsegileng mo bodireding jwa tshimo ka bonako, go akaretsa le dithulaganyo tsa go nna le seabe mo Letsatsing le le kgethegileng la Dimakasine ka April 14, 2007. Diphuthego di tshwanetse go romela diotara tse di kgethegileng tsa dimakasine tse di oketsegileng tse ba tla di dirisang ka dikgwedi tseno pele ga February 1, 2007. Fa diotara tseno di romelwa morago ga nako re ka nna ra se ka ra nna le dimakasine tse di lekaneng.

Letsatsi la rona le le kgethegileng la Dimakasine e tla nna ka April14, 2007. Re kgothaletsa botlhe gore ba simolole go rulaganya dilo gone jaanong gore ba kgone go nna le sebe ka botlalo monongwaga. A o ka nna mmulatsela yo o thusang ka kgwedi ya April?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela