LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/07 ts. 3
  • Dikgakololo Malebana le Segopotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgakololo Malebana le Segopotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgakololo Malebana le Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Dikgakololo Tsa Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Dikgakololo Tsa Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Dikgakololo Tse di Malebana le Segopotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 3/07 ts. 3

Dikgakololo Malebana le Segopotso

onongwaga Segopotso se tla tshwarwa ka Mantaga April 2. Bagolwane ba tshwanetse go ela tlhoko dintlha tse di latelang.

◼ Fa lo rulaganyetsa nako e pokano e tla simololang ka yone, tlhomamisang gore ditshwantshetso ga di na di tsamaisiwa pele ga letsatsi le phirima.

◼ Batho botlhe, go akaretsa le sebui, ba tshwanetse ba itsisiwe nako e e tshwanetseng le lefelo le Segopotso se tla tshwarelwang kwa go lone.

◼ Batlang senkgwe le beine tse di tshwanelang lo bo lo di baakanye sentle.—Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 2003, tsebe 14-15.

◼ Dijana, digalase, tafole e e tshwanelang le letsela la yone di tshwanetse go tlisiwa kwa holong le go baakanngwa go sa le gale.

◼ Holo ya Bogosi kgotsa lefelo le lengwe le go tla kopanelwang mo go lone le tshwanetse go phepafadiwa sentle nako e sa le gone.

◼ Batlhokomedi le ba ba tla tsamaisang ditshwantshetso ba tshwanetse go tlhophiwa go sa le gale le go itsisiwe ditiro tsa bone, tsela e e siameng e ba tshwanetseng go dira dilo ka yone le gore ba apare le go ipaakanya ka tsela e e tshwanetseng.

◼ Go tshwanetse ga dirwa dithulaganyo tsa gore batlodiwa bape fela ba ba paletsweng ke go nna gone ka ntlha ya bokoa jwa mmele ba tsamaisediwe ditshwantshetso.

◼ Fa go rulagantswe gore diphuthego di feta e le nngwe di dirise Holo ya Bogosi e le nngwe, diphuthego tseno di tshwanetse tsa dirisana sentle gore batho ba se ka ba kgotlhagana go sa tlhokegeng fa kgorong, ka kwa ntle ga holo, le mo lefelong la go phaka dikoloi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela