Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka November: Ithute mo Morutising yo Mogolo. December: Atamalana le Jehofa. January: Boroutšhara jwa Nnang lo Disitse! Fa lo se na yona mo setokong, lo ka tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng? February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng.
◼ E re ka December e na le mafelobeke a le matlhano a a tletseng, e ka nna kgwedi e e molemo go tsaya bobulatsela jo bo thusang.
◼ Baboledi botlhe ba tshwanetse go tlatsa karata ya bone ya durable power of attorney (DPA) fa e le gore ga ba ise ba dire jalo. Karata eno ya DPA e sireletsa tshwanelo ya gago ya go gana go tshelwa madi. Bagolwane ba tla thusa batho ba ba tlhokang thuso.—Bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2007.
◼ Baboledi ga ba tlhole ba tlhoka go romela foromo ya Study Report (S-3) ya thuto nngwe le nngwe ya legae ya Baebele e ba e tshwereng mo kgweding. Lefa go ntse jalo ba tshwanetse go tswelela ba kwala palo ya dithuto tse di farologaneng tsa Baebele tse ba di tshwereng mo kholomong ya tsone mo foromong ya Field Service Report (S-4). Go tloga jaanong, foromo ya S-3 e tla dirisediwa fela go bega palo ya ba ba nnileng teng mo dipokanong tsa phuthego.
◼ Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go romela pego e e tladitsweng ya Unassigned Territory Assignment (S-63), mmapa wa tshimo eo, le maitemogelo ape a a kgatlhang kwa ofising ya lekala pele ga November 17, 2007. Tlhomamisa gore o dirisitse setempe sa madi a a lekaneng enfelopo e kgolo.
◼ Gantsi Tirelo ya Rona ya Bogosi e dira dikitsiso tsa botlhokwa mabapi le dithulaganyo tse di tshwanetseng tsa latelwa le ditsela tsa go dira dikopo tsa dibuka. Batlhokomedi ba dibuka ba tshwanetse go itlwaelanya le dikitsiso tseno ka bonako fela fa ba se na go amogela khopi ya bone ya Tirelo ya Rona ya Bogosi gore ba kgone go latela ditaelo tseo.
◼ Re rata go gakolola baboledi gore go gatisa dibuka tsa Mokwalo wa Difofu go ja madi a mantsi thata. Dibuka tse dikgolo di ka ja dikete tsa diranta. Ke tshiamelo ya rona go ntshetsa dibuka tseno moneelo. Fa mokwaledi a saena Literature Request Form (S-14) o tshwanetse go tlhomamisa gore dibuka tseno di otarelwa baboledi kana diithuti tse di gatetseng pele tsa Baebele. O tshwanetse go bontsha sentle mo foromong ya S-14 gore o sekasekile kopo eno ka kelotlhoko mme o dumalana le yone. Ba ba amogelang peeletso ya Tora ya Tebelo kana Tsogang! ka mokwalo wa difofu le bone ba tshwanetse go akanyetsa tlhwatlhwa ya tsone.
◼ Diphuthego di ka simolola go kopa kgatiso e ntšha ya Kingdom Melodies—On Compact Disc, Volume 5 (cdm-5).
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:
Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe? O Ka Le Bona Jang? (pr) —Sekwanyama
◼ Di-Compact Disc Tse Disha Tse di Gone:
Modimo o Batla Gore re Direng? (cdrq) —Seburu, Sepedi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa, Sezulu
◼ Di-Compact Disc Tse Disha ka MP3 Tse di Gone:
Bible Dramas (mpdrm) —Seesemane
Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo (mpbi12) —Sepotokise
◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Leng Gone ka Dipuo di le Dintsi:
Organized to Share Good News and Whole Association of Brothers (dvjwa) —Searabia, Se-Dutch, Seesemane, Se-Malagasy, Sepotokisi (sa kwa Brazil), Sepotokise (sa kwa Yuropa), Se-Spain (Mo DVD e le nngwe)
To the Ends of the Earth and United by Divine Teaching (dvedt) —Searabia, Se-Dutch, Seesemane, Sepotokise (sa kwa Brazil), Sepotokise (sa kwa Yuropa), Se-Spain (Mo DVD e le nngwe)
Young People Ask—How Can I Make Real Friends? (dvfe) —Searabia, Se-Dutch, Seesemane, Sepotokise (sa kwa Brazil), Sepotokise (sa kwa Yuropa), Se-Spain (Mo DVD e le nngwe)