LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/07 ts. 5
  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 12/07 ts. 5

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang tsa poeletso mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka December 31, 2007. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya November 5 go ya go December 31, 2007.

BOKGONI JWA GO BUA

1. Ke dintlha dife tse re tshwanetseng go di gakologelwa go tlhomamisa gore konelo ya rona e na le matswela? [be-TN ts. 220 ser. 4–ts. 221 ser. 3]

2. Re ka tlhomamisa jang gore se re se buang mo bodireding jwa tshimo se boammaaruri? [be-TN ts. 223 ser. 2-4]

3. Fa re neela dipuo kwa dipokanong tsa phuthego, re ka bontsha jang gore re lemoga seabe sa phuthego sa go nna “pilara le setshegetso sa boammaaruri”? (1 Tim. 3:15) [be-TN ts. 224 ser. 1-4]

4. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go sekaseka gore tshedimosetso ya rona e boammaaruri, mme re ka dira seno jang? [be-TN ts. 225 ser. 1-2]

5. Fa re ruta, re ka dira jang gore dintlha tsa rona di nne motlhofo gore ba bangwe ba di tlhaloganye? [be-TN ts. 226 ser. 3–ts. 227 ser. 1]

PUO NO. 1

6. Ke eng se se supang gore pego ya ga Jona e boammaaruri? [si-TN ts. 153 ser. 3]

7. Ke boporofeti bofe jwa ga Mika jo bo amanang le go busa ga ga Keresete Jesu e le kgosi ya Bogosi jwa Modimo? [si-TN ts. 158 ser. 18]

8. Ke eng se se supang gore buka ya Habakuke e tlhotlheleditswe ke Modimo? [si-TN ts. 161 ser. 4]

9. Ke ka ntlha yang fa go ka twe ka 520 B.C.E., Bajuda ba ne ba ise ba fitlhelele boikaelelo jwa bone jwa go bo ba boile kwa botshwaro? (Hag. 1:4) [si-TN ts. 166 ser. 3]

10. Sekaria o bua kgapetsakgapetsa ka motlha ofe o o galalelang? [si-TN ts. 172 ser. 26]

MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE

11. Boporofeti jwa ga Joele jo bo kaga tlhaselo ya ditshenekegi bo diragaditswe jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme bo diragadiwa jang gompieno? (Joele 2:1-10, 28) [w07-TN 10/1 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Joele le ya Amose”]

12. “Seroto sa maungo a letlhabula” se ne se tshwantshetsa eng? (Amos. 8:1, 2) [w07-TN 10/1 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Joele le ya Amose”]

13. Jehofa o ne a ‘ikwatlhaela masetlapelo a a neng a a buile ka batho ba Ninife’ ka tsela efe, mme seno se tshwanetse go re ama jang? (Jona 3:10) [w03-TN 7/15 ts. 17-18]

14. Go bolela eng go tsamaya mo leineng la ga Jehofa? (Mik. 4:5) [w03-TN 8/15 ts. 17 ser. 19]

15. Jehofa o ne a tla leng le gone jang mo “tempeleng” ya gagwe go tla go atlhola mo metlheng ya gompieno? (Mal. 3:1-3) [re-TN ts. 32 lebokoso; jd-TN ts. 179 ser. 3–ts. 181 ser. 6]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela