Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka October 27, 2008. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya September 1 go ya go October 27, 2008.
BOKGONI JWA GO BUA
1. Re ka kgona go bona jang gore ke ka ntlha yang fa batho ba dumela se ba se dumelang? [be-TN ts. 259 dir. 1, 2]
2. Re ka thusa jang motho go ntsha letlhoo le maikutlo a a sa siamang mo pelong ya gagwe? [be-TN ts. 260 ser. 2]
3. Re ka thusa jang batho ba re ithutang le bone gore ba lemoge se se mo dipelong tsa bone e le gore ba tswelele pele ba gola mo semoyeng? [be-TN ts. 261 ser. 3]
4. Fa re ntse re leka go fitlhelela dipelo tsa bareetsi ba rona re tshwanetse go gakologelwa eng? [be-TN ts. 262 ser. 5]
5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re boloke nako kwa dipokanong tsa phuthego? [be-TN ts. 263 dir. 1, 3, lebokoso]
PUO NO. 1
6. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Paulo go kwalela Bakorintha lekwalo la gagwe la ntlha? [si-TN ts. 210 ser. 3]
7. Mabaka a mangwe a a dirileng gore Paulo a kwalele Bakorintha lekwalo la bobedi ke afe? [si-TN ts. 214 dir. 1-2]
8. Bakeresete ba tshwanetse go nna le pono efe ka bodiredi? [si-TN ts. 216-217 ser. 18]
9. Fela jaaka bakaulengwe ba kwa Filipi ke jang le rona gompieno re ka dirang gore re amogelwe ke Modimo mme re tlisetse bakaulengwe ba rona boipelo? [si-TN ts. 225 ser. 12]
10. Paulo le ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba tlisa diphelelo dife tse di molemo mo phuthegong ya Thesalonika? [si-TN ts. 231 ser. 13]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Go “neela monna yo o [boikepo] Satane gore nama e senngwe, gore moya o tle o bolokwe” go kaya eng? (1 Bakor. 5:5) [w08-TN 7/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bakorintha”]
12. Loso lwa ga Jesu lo tshwanetse go gopolwa “ka gale” ga kae le go “fitlha” leng? (1 Bakor. 11:26) [w08-TN 7/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bakorintha”]
13. Ke ponatshegelo efe e e umakiwang mo go 2 Bakorintha 12:2-4, mme e ka tswa e bonwe ke mang? [w04-TN 10/15 ts. 8 ser. 4; ts. 10 ser. 9]
14. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a tshwantsha Molao wa ga Moshe le ‘mogogi yo o isang kwa go Keresete’? (Bagal. 3:24) [w08-TN 3/1 ts. 18-21]
15. Paulo o ne a kaya eng fa a ne a rapela a re “e kete maikutlo le moya le mmele wa lona bakaulengwe di ka bolokwa”? (1 Bathes. 5:23) [w08-TN 9/15 “Lefoko la ga Jehofa le a Tshela—Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bathesalonika le Timotheo”]