Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka February 23, 2009. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 20 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya January 5 go ya go February 23, 2009.
1. Go ne go ka direga jang gore Modimo a dire gore go nne lesedi ka letsatsi la ntlha fa e le gore dibonesi di ne tsa bopiwa ka letsatsi la bonè? (Gen. 1:3, 16) [w04-TN 1/1 ts. 28 ser. 5]
2. Ke eng se se tlhalosiwang ke ntlha ya gore Jehofa ga a ka a bolelela Noa gore a fenye lefatshe jaaka a ile a bolelela Adame yo o itekanetseng? (Gen. 9:1) [it-2 ts. 1095 ser. 6]
3. Kgolagano ya ga Aborahame e ne ya simolola go dira ka letlha lefe, mme e tsaya lobaka lo lo kana kang? (Gen. 12:1-4) [w04-TN 1/15 ts. 26 ser. 4; w01-TN 8/15 ts. 17 ser. 13]
4. Ke eng se se bontshang gore Nimerode le balatedi ba gagwe ga ba a ka ba atlega mo go ‘itireleng leina le le tlhomologileng’? (Gen. 11:4) [w98-TN 3/15 ts. 25]
5. E re ka Lote a bidiwa “mosiami” mo go 2 Petere 2:7, ke ka ntlha yang fa a ka tswa a ile a batla go naya segopa se se kgopo bomorwadie? (Gen. 19:8) [w05-TN 2/1 ts. 26 dir. 15-16; w04-TN 1/15 ts. 27 ser. 3]
6. E re ka banna ba ba boifang Modimo ba tshwanetse go tlhokomela ba malapa a bone, ke eng fa Aborahame a ile a lelekela Hagare le Ishemaele kwa nageng? (Gen. 21:10-21; 1 Tim. 5:8) [w88-TN 2/15 ts. 31]
7. Re ka ithuta eng ka maiteko a ga Eliesere a go dira dilo ka tsela ya ga Jehofa fa a ne a batlela Isake mosadi? (Gen. 24:14, 15, 17-19, 26, 27) [w97-TN 1/1 ts. 31 ser. 2]
8. Ke eng se se kaiwang ke toro ya ga Jakobe e mo go yone a neng a bona baengele ba ‘tlhatloga ba bo ba fologa mo llereng’? (Gen. 28:10-13) [w03-TN 10/15 ts. 29 ser. 1; it-2 ts. 189]
9. Ke ka ntlha yang fa Ragele a ne a kgatlhegela go bona maungo a dimandereiki a ga morwa Lea? (Gen. 30:14, 15) [w04-TN 1/15 ts. 28 ser. 7]
10. Sekao sa ga Jakobe se molemo jang mo go rarabololeng mathata? (Gen. 33:3, 4) [g82 2/22 ts. 19 ser. 8-10]