Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
◼ Puo ya phatlalatsa e e kgethegileng ya paka ya Segopotso ya 2009 e tla bo e na le setlhogo se se reng “A go Na le Bodumedi jo Modimo a bo Lebang e le Jone Jwa Boammaaruri?” Bona kitsiso e e tsamaisanang le eno e e mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 2008.
◼ Kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ya Sepotokisi e tla tshwarwa ka March 7, 2009 mme kopano ya potologo ya Sepotokisi e tla tshwarwa ka July 25, 26, 2009. Dithulaganyo tsa dikopano tseno ka bobedi di tla tshwarelwa kwa Holong ya Bogosi ya Eikenhof.
◼ Lo tla itumelela go itse gore bosheng jaana Diholo tse nnè tsa Bogosi di ne tsa neelwa Jehofa. Phuthego ya Serowe (Botswana), ya Tlhabane (Rustenburg), ya Virginia le ya Pretoria East di itumeletse thata go nna le mafelo ano a masha a kobamelo.