LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/09 ts. 4
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 3/09 ts. 4

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Totatota Baebele e Ruta Eng?

◼ Dimakasine tse disha tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di tshwanetse go fiwa baboledi ka bonako fela fa di amogelwa. Seno se tla thusa baboledi gore ba tlwaelane le diteng tsa tsone pele ga ba tsamaisa dimakasine tseno mo tirelong ya tshimo.

◼ Morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane kgotsa mongwe yo a mo tlhophileng o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego tsa dikgwedi tsa December, January le February. Go se ka ga dirisiwa motho a le mongwe fela go dira tlhatlhobo ya diakhaonto ka dikgwedi tse di latelanang. Fa phuthego e na le akhaonto e nngwe e e jaaka ya go baakanya holo kgotsa go e aga, le yone e tshwanetse go tlhatlhobiwa. Diphuthego tsa Afrika Borwa di tshwanetse go romela diakhaonto tse di setseng di tlhatlhobilwe tsa dikgwedi di le tharo kwa ofising ya lekala kwantle ga go diega. Mokwaledi le motlhanka wa diakhaonto ba tshwanetse go tlhomamisa gore ditlankana tsa diakhaonto di tladitswe sentle le ka tsela e e rulagantsweng sentle le gore ba rometse dilo tse di latelang: Pampiri ya Diakhaonto (S-26), Pego ya Diakhaonto Tsa Phuthego ka Kgwedi (S-30), Dirasiti (S-24), dirasiti tsa ditshenyegelo le seteitemente sa banka kgwedi nngwe le nngwe (fa e le gore phuthego e na le akhaonto ya banka). Ka fa ntle ga enfelopo kwalang sentle gore di ya kwa Accounting Office—PBO Registration.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela