Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Totatota Baebele e Ruta Eng? July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A Ruriruri Modimo o Amega Ka Rona?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Meya Ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E ka go Gobatsa?—A Totatota E A Tshela?, O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!, le Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng A o E Bone?
◼ Diphuthego tse robongwe di itumeletse go neelwa ga Diholo tsa bone tsa Bogosi bosheng jaana: Oshakati le Onamishu (kwa Namibia), Gamalakhe le Bomela gaufi le Port Shepstone, Ndakeni gaufi le Kokstad, Motsethabong West (kwa Welkom), Mmotla gaufi le Mabopane, Dawn Park (kwa Johannesburg), le Ekangala North West gaufi le Bronkhorstspruit.
◼ Go ne ga tshwarwa Dikopano tsa Kgaolo di le 73 tsa “Go Kaelwa ke Moya wa Modimo” mo Afrika Borwa le mo dinageng tse di gaufi. Palo ya batho botlhe ba ba neng ba le teng mo dikopanong tseno e ne e le 173 363 mme go ne ga kolobediwa ba le 2 494.