Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Rona ya Tshimo
Re itumelela go lo itsise gore ka kgwedi ya March Botswana e ile ya fitlhelela tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 785, e leng koketsego ya diperesente di le 7 go feta ngwaga o o fetileng. Gape e ile ya fitlhelela tlhora e ntšha ya dithuto tsa Baebele di le 2 988. Mo godimo ga moo, Lesotho e nnile le kgwedi e e atlegileng, ka go fitlhelela tlhora e ntšha ya babulatsela ba ka metlha ba le 303 le tlhora e ntšha ya dithuto tsa Baebele di le 5 604.