Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka January: Totatota Baebele e Ruta Eng? February: Atamalana le Jehofa kgotsa Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
◼ Go simologa ka February, puo e ntšha ya balebedi ba potologo e tla bo e na le setlhogo se se reng “Se Bogosi Jwa Modimo bo re Direlang Sone Gone Jaanong.”
◼ Go ile ga neelwa Diholo tsa Bogosi di le thataro mo dikgweding tsa bosheng. Re itumela le diphuthego tse di kwa Mooiplaas (Elukwatini), Nqutu, St. Chad’s (Ezakheni), Peacetown le Watersmeet (Ladysmith), le Wembesi (Estcourt).
◼ Tsweetswee kwalelang Kingdom Hall Construction Desk go kopa tetla pele lo ka reka setsha sa Holo ya Bogosi, pele ga lo ka aga Holo ya Bogosi kgotsa pele lo ka dira ditlhabololo dipe fela tse dikgolo mo holong ya lona. E re ka Setlhopha se se Laolang se batla gore Diholo tsa Bogosi di dirisiwe ka botlalo, Diholo tsa Bogosi tse disha di tshwanetse go agiwa mo lefelong le le gaufi gore di dirisiwe ke diphuthego di le mmalwa.