Dikitsiso
◼ Kgatiso e e tsamaisiwang ka March: Totatota Baebele e Ruta Eng? Leka go simolola dithuto tsa Baebele fa go tsamaisitswe kgatiso eno kgotsa fa go setse go na le khopi ya yone mo lelapeng. April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Totatota Baebele e Ruta Eng?
◼ Segopotso se tla tshwarwa ka Labobedi, March 30, 2010. Dipina tse di tla dirisiwang ka Segopotso ke pina 87 le 105. Fa e le gore gantsi phuthego ya lona e tshwara pokano ka Labobedi, go tshwanetse ga dirwa maiteko a go tshwara pokano eo ka letsatsi le lengwe mo bekeng eo. Fa go na le diphuthego di le dintsi tse di dirisang Holo ya Bogosi mme pokano e sa kgone go tshwarwa ka letsatsi le lengwe, pokano eo e ka nna ya phimolwa. Dipuo tsa Pokano ya Tirelo tse di amang phuthego ya lona thata, di ka nna tsa akarediwa mo Pokanong e nngwe ya Tirelo.
◼ Go neetswe Diholo tsa Bogosi di le 11 bosheng jaana: Amatata (gaufi le Inanda), Blairgowrie (Johannesburg), Edendale South (Pietermaritzburg), Inanda East le Inchanga (Durban), Luganda (Pinetown), Mpophomeni (Howick), Mpumalanga West (Hammarsdale), Rosh Pinah (Namibia), Sobantu (Pietermaritzburg), le Shabhu (Bulwer).