Baboledi ba Bakeresete ba Tshwanetse go Rapela
1. Go tlhokega eng gore re diragatse bodiredi jwa rona?
1 Re ka se kgone go diragatsa bodiredi ka borona fela. Jehofa o re naya nonofo ya go dira tiro eno. (Bafil. 4:13) O dirisa baengele ba gagwe go re thusa go bona batho ba sekadinku. (Tshen. 14:6, 7) Ke Jehofa a godisang dipeo tsa boammaaruri tse re di jalang le go di nosetsa. (1 Bakor. 3:6, 9) A bo go le botlhokwa jang ne gore baboledi ba Bakeresete ba ikaege ka Rrarona yo o kwa legodimong ka thapelo!
2. Dilo dingwe tse re ka di rapelelang ke dife?
2 Go Ithapelela: Re tshwanetse go rapela nako nngwe le nngwe fa re rera. (Baef. 6:18) Dilo dingwe tse re ka di rapelelang ke dife? Re ka rapelela gore re nne le boikutlo jo bo siameng ka tshimo ya rona le gore re nne pelokgale. (Dit. 4:29) Re ka kopa Jehofa gore a re kaele kwa bathong ba ba dipelo tse di siameng ba re ka ithutang Baebele le bone. Fa mong wa ntlo a re botsa potso, re ka rapela ka bokhutshwane mo pelong re kopa Jehofa gore a re thuse go araba sentle. (Neh. 2:4) Re ka nna ra kopa gape botlhale jwa gore re dire gore bodiredi bo tle pele. (Jak. 1:5) Mo godimo ga moo, Jehofa o a itumela fa re akaretsa mafoko a go mo leboga go bo re na le tshiamelo ya go nna badiredi ba gagwe.—Bakol. 3:15.
3. Go rapelela ba bangwe go thusa jang go tsweletsa pele tiro ya go rera?
3 Go Rapelela ba Bangwe: Re tshwanetse gape ra ‘rapelelana,’ le e leng go umaka badiredi ka rona ka maina fa go tshwanela. (Jak. 5:16; Dit. 12:5) A botsogo jo bo bokoa bo go kgoreletsa malebana le se o ka se dirang mo tirong ya go rera? Fa go ntse jalo, rapelela badiredi ba bangwe ba ba nang le botsogo jo bo siameng. Le ka motlha o se ka wa tseela kwa tlase maatla a dithapelo tse o di rapelelang ba bangwe! Mme gape go siame go rapelela balaodi gore ba nne le boikutlo jo bo siameng malebana le tiro ya go rera, gore bakaulengwe ba rona ba ‘tswelele ba tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng.’—1 Tim. 2:1, 2.
4. Ke eng fa re tshwanetse go nnela ruri mo thapelong?
4 Go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni ke namane e kgolo ya tiro. Fa re ‘nnela ruri mo thapelong,’ re tla kgona go dira tiro eno ka thuso ya ga Jehofa.—Bar. 12:12.