LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/10 ts. 3-5
  • “O ka Nna Mmulatsela yo o Molemo!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O ka Nna Mmulatsela yo o Molemo!”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Babulatsela Ba Lere le go Amogela Masego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Masego a Bodiredi Jwa Bobulatsela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Eno ke Nako ya go Rera!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
km 5/10 ts. 3-5

“O ka Nna Mmulatsela yo o Molemo!”

1. Kgaitsadi mongwe o ne a ikutlwa jang ka bodiredi jwa gagwe jwa bobulatsela?

1 “Ga go na tiro epe e nngwe e e neng e ka nkgotsofatsa thata jaana kgotsa ya nna e e kgotsofatsang semoyeng jaaka eno.” Go ne ga bolela jalo Kathe B. Palm. O ile a dirisa masomesome a dingwaga e le mmulatsela yo o pelotshweu, a neela bosupi go tswa ntlheng e nngwe ya Chile, kwa Amerika Borwa, go ya kwa ntlheng e nngwe ya yone. Fa o akanya ka botshelo jo bo kgotsofatsang jwa batho ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng, gongwe mongwe o ile a go raya a re: “O ka nna mmulatsela yo o molemo!”

2. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa kgotsofalo ya mmatota e bonwa ka go nna le seabe mo dilong tsa semoya.

2 Tsela ya Botshelo e e Kgotsofatsang: Motlhomasekao wa rona e bong Jesu, o ne a bona tapologo ya mmatota mo go direng go rata ga ga Rraagwe. (Joh. 4:34) Ka jalo, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe ka bopelotshweu gore kgotsofalo ya mmatota e nna teng ka ntlha ya go nna le seabe mo ditirong tse di amanang le kobamelo ya ga Jehofa. Re a kgotsofala fa matshelo a rona a tletse ka ditiro tse di amogelwang ke Jehofa. Mo godimo ga moo, fa re ntse re dirisa nako e e oketsegileng, maatla le dithoto tsa rona go thusa ba bangwe, re oketsa boitumelo jwa rona.—Dit. 20:31, 35.

3. Re ka nna le boitumelo jo bo ntseng jang fa re dirisa nako e e oketsegileng mo bodireding?

3 Fa re dirisa nako e e oketsegileng mo bodireding, re nna le ditshono tse di oketsegileng tsa go nna le boitumelo jwa go simolola le go tshwara dithuto tsa Baebele. Tota le fa beng ba matlo ba le bantsi ba bonala ba sa kgatlhege, re ka nna ra fitlhela tshimo ya rona e nna le matswela a a oketsegileng go na le kafa re neng re akanya ka teng pele, ka ntlha ya maitemogelo le bokgoni jo re nnang le jone mo bodireding. Babulatsela ba ka kgona go dirisa letlotlo la thuto e ba e amogelang kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela fa ba sena go nna babulatsela ka sebaka sa mo e ka nnang ngwaga. (2 Tim. 2:15) Fa re nna re le pelotelele, re ka nna ra jala dipeo tsa boammaaruri tse di tla ungwang maungo moragonyana.—Mor. 11:6.

4. Basha ba ba tla tlogang ba aloga kwa sekolong se segolwane ba tshwanetse go akanyetsa eng?

4 Basha: E re ka lo fetsa kwa sekolong se segolwane, a lo ntse lo akanyetsa isagwe ya lona ka kelotlhoko? Go fitlha jaanong, tiro ya lona ya sekolo ke yone thatathata e laolang thulaganyo ya lona. Lo tla dirisa jang nako eo fa lo sena go aloga? Go na le gore lo dire tiro ya boitshediso, ke eng fa lo sa akanyetse ka thapelo mokgele wa go nna babulatsela ba ka metlha? Bokgoni jo lo tla nnang le jone—jwa go rerela batho ba ba farologaneng, go fenya dikgoreletsi, go lwela go nna le boikgapo le go leka go nna le bokgoni jwa go ruta—bo tla lo solegela molemo mo botshelong jwa lona jotlhe.

5. Batsadi le batho mo phuthegong ba ka kgothaletsa jang bobulatsela?

5 Batsadi, a lo dira seabe sa lona go kaela bana ba lona mo tirelong ya nako e e tletseng? Mafoko a lona le sekao sa lona se se siameng se ka ba thusa thata gore ba beye dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele. (Math. 6:33) Ray, yo o neng a simolola go nna mmulatsela fa a fetsa kwa sekolong se segolwane o gakologelwa jaana: “Ka metlha mmè o ne a akanya gore go nna mmulatsela go dira gore motho a nne le tsela ya botshelo e e kgotsofatsang thata.” Botlhe mo phuthegong ba ka kgothaletsa tirelo ya bobulatsela ka mafoko a bone le ka tshegetso ya bone. Jose, wa kwa Spain, o bolela jaana: “Batho ba phuthego e ke leng mo go yone ba ne ba tsaya tiro ya bobulatsela e le tiro e e molemolemo mo basheng. Dikakgelo tsa bone le kafa ba neng ba anaanela tirelo ya bobulatsela ka teng le thuso ya bone e ne ya dira gore go nne motlhofo gore ke simolole go bulatsela.”

6. Re ka dira eng fa e le gore gone jaanong ga re eletse go nna babulatsela?

6 Go Fenya Dikgoreletsi: Mme go tweng fa e le gore wa re, ‘Ga ke eletse go nna mmulatsela.’ Fa e le gore o ile wa ikutlwa jalo kwa tshimologong, rapela Jehofa malebana le kafa o ikutlwang ka teng mme o mmolelele gore, ‘Ga ke itse gore a nna nka nna mmulatsela, mme ke batla go dira se se tla go itumedisang.’ (Pes. 62:8; Dia. 23:26) Go tswa foo, o bo o batla kaelo mo Lefokong le mo phuthegong ya gagwe. Babulatsela ba le bantsi ba ka metlha ba ile ba ‘leka’ bobulatsela pele ka go nna babulatsela ba ba thusang mme boitumelo jo ba ileng ba nna le jone bo ile jwa ba tlhotlheletsa gore ba tsenele tirelo ya nako e e tletseng.—Pes. 34:8.

7. Re ka fenya jang dipelaelo tsa gore a re ka kgona go fitlhelela diura di le 70 tse di batlegang kgwedi le kgwedi?

7 Go tweng fa e le gore ga o tlhomamisege gore a o tla kgona go fitlhelela diura di le 70 tse di batlegang? Ke eng fa o sa bue le babulatsela ba ba nang le maemo a a tshwanang le a gago? (Dia. 15:22) Morago ga foo, kwala dithulaganyo di le mmalwa tse o ka nnang wa di dirisa. O ka nna wa fitlhela gore go ithekela nako ya bodiredi mo dilong tse di seng botlhokwa go motlhofo thata go na le kafa o neng o ntse o akanya ka teng.—Baef. 5:15, 16.

8. Ke ka ntlha yang fa gangwe le gape re tshwanetse go sekaseka maemo a rona?

8 Itshekatsheke Gape: Gantsi maemo a motho a a fetoga. Go molemo gore o nne o ntse o sekaseka seemo sa gago gangwe le gape. Ka sekai, a o tla tloga o tlogela tiro? Randy, yo o neng a tlogela tiro pele ga nako, a re: “Tshwetso eno e ile ya dira gore ke kgone go simolola go bulatsela mmogo le mosadi wa me, mme e ile ya re naya tshono ya go fuduga le go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone. Ke ile ka amogela masego a mantsi ka ntlha ya tshwetso e ke e dirileng mme tshegofatso e kgolo go di gaisa tsotlhe ke go nna le segakolodi se se siameng.”

9. Banyalani ba tshwanetse go akanyetsa eng?

9 Banyalani bangwe ba fitlhetse gore morago ga go itshekatsheka ka kelotlhoko, go ne go sa tlhokege gore ba bereke boobabedi. Gone ke boammaaruri gore seno se tlhoka gore lelapa le tshele botshelo jo bo motlhofo, mme seno ga se matsapa a bophiri. John, yo mosadi wa gagwe a sa tswang go tlogela tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng gore a tle a oketse bodiredi jwa gagwe, o tlhalosa jaana: “Ga go na tsela e e botoka e nka ikutlwang ka yone go na le ya go itse gore mosadi wa me o tshwaregile ka dilo tsa semoya letsatsi lotlhe.”

10. Ke eng se se tlhotlheletsang Bakeresete go akanyetsa bobulatsela?

10 Sesupo sa Lorato le Tumelo: Jehofa o dirile gore tiro ya go rera e nne ya botlhokwa thata e ope fela wa rona a ka e dirang. Tsamaiso eno ya bogologolo e tla tloga e fedisiwa, mme ke fela ba ba bitsang leina la ga Jehofa ba ba tla bolokiwang. (Bar. 10:13) Fa re mo rata go tswa pelong e bile re anaanela se a re diretseng sone, re tla tlhotlheletsega go ikobela taelo ya Morwawe ya go rera ka tlhoafalo. (Math. 28:19, 20; 1 Joh. 5:3) Mo godimo ga moo, go dumela gore tota re tshela mo malatsing a bofelo go tla re tlhotlheletsa gore re dire gotlhe mo re ka go kgonang mo bodireding fa go sa ntse go na le nako, go na le gore re dirise lefatshe ka botlalo.—1 Bakor. 7:29-31.

11. Re tshwanetse go ikutlwa jang fa mongwe a re bolelela gore re ka nna babulatsela ba ba molemo?

11 Go nna mmulatsela wa ka metlha ga se fela go tsibogela thulaganyo ya phuthego; mme ke go bontsha boineelo jwa rona mo Modimong. Ka jalo, fa mongwe a go raya a re o ka nna mmulatsela yo o molemo, go tseye e le tsela ya go go akgola. Mme akanyetsa seno ka thapelo gore o kopanele le ba ba dirang tiro eno e e kgotsofatsang.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 4]

Batsadi, a lo dira seabe sa lona go kaela bana ba lona mo tirelong ya nako e e tletseng?

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]

Jehofa o dirile gore tiro ya go rera e nne ya botlhokwa go gaisa e ope fela wa rona a ka e dirang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela