Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka June 28, 2010. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 20 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya May 3 go ya go June 28, 2010.
1. Re ka ithuta eng mo go Dafide fa a ne a hutsafalela Abenere? (2 Sam. 3:31-34) [w05 5/15 ts. 17 ser. 6; w06 7/15 ts. 21 dir. 9-10]
2. Nathane o ne a dira phoso efe mme ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a se ka a mo latlha jaaka moporofeti wa gagwe? (2 Sam. 7:3) [rs ts. 44 ser. 6]
3. 2 Samuele 7:14 e ne ya diragadiwa jang? [it-1-E ts. 273 ser. 3; it-2-E ts. 818 ser. 2]
4. Se Dafide a neng a se direla Mefiboshethe e ne e le bopelontle jang mme seno se tshwanetse go re ama jang? (2 Sam. 9:7) [w02 5/15 ts. 19 ser. 5]
5. Re ka ithuta eng mo kamanong e e neng e le fa gare ga Itai wa Mogathe le Kgosi Dafide? (2 Sam. 15:19-22) [w09 5/15 ts. 27-28]
6. Go ya ka Dikwalo, re ka bontsha jang gore ditatofatso tsa ga Siba kgatlhanong le Mefiboshethe e ne e le tsa maaka? (2 Sam. 16:1-4) [w02 2/15 ts. 14-15 ser. 11, ntlha e e kwa tlase.]
7. Fa Dafide a ne a kopa Barisilai wa dingwaga di le 80 gore a nne mo kgotleng ya gagwe, ke eng fa Barisilai a ne a akantsha Kimahame? (2 Sam. 19:33-37) [w07 6/1 ts. 24 ser. 13]
8. Boikokobetso jwa ga Jehofa bo ile jwa dira jang gore Dafide a nne mogolo? (2 Sam. 22:36) [w07 11/1 ts. 5 ser. 2; w04 11/1 ts. 29]
9. Ke ka ntlha yang fa Adonija a ne a batla go gapa bogosi fa Dafide a ne a sa ntse a tshela? (1 Dikg. 1:5) [w05 7/1 ts. 28 ser. 5]
10. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a araba thapelo ya ga Solomone fa a ne a kopa botlhale le temogo? (1 Dikg. 3:9) [w05 7/1 ts. 30 ser. 2]