Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Re itumelela go lo bolelela dingwe tsa dintlhakgolo tsa pego ya tirelo ya May. Botswana e nnile le tlhora e ntšha ya baboledi ba le 1 923. Kwa Lesotho baboledi ba le 3 616 ba begile dithuto tsa Baebele di le 6 703. Afrika Borwa e dirile sentle thata mo tirong ya go dira barutwa: baboledi ba le 87 856, go akaretsa le babulatsela ba ka metlha ba le 8 146, ba ile ba bega maeto a go boela a le 491 015 le dithuto tsa Baebele di le 119 437.