Tiro e e Itumedisang Thata
1. Ke tiro efe ya go alafa semoyeng e e dirwang mo motlheng wa rona?
1 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho ba ne ba itumela thata fa ba ne ba bona batho ba bangwe ba alafiwa. (Luke 5:24-26) Mo motlheng wa rona, re itumedisiwa ke tiro ya go alafa batho semoyeng. (Tshen. 22:1, 2, 17) Abo go itumedisa jang ne go bala ka maitemogelo a a bontshang kafa Lefoko la ga Jehofa le moya o o boitshepo di fetotseng matshelo a batho ka teng! Le fa go ntse jalo, se se itumedisang le go feta ke go nna le seabe mo tirong eno ka go tshwara dithuto tsa Baebele tse di gatelang pele.
2. Re ka nna le boitumelo bofe fa re ntse re ruta motho boammaaruri?
2 Leina la Modimo ke mang? Ke eng fa a letlelela pogo? Bogosi jwa Modimo bo tla direla batho eng? Ga re itumedisiwe fela ke go araba dipotso tse di jaaka tseno mme gape re itumedisiwa ke go bona boitumelo jo moithuti a nnang le jone fa a ithuta boammaaruri. (Dia. 15:23; Luke 24:32) Fa moithuti a ntse a gatela pele, a ka nna a simolola go dirisa leina la ga Jehofa, a dira diphetogo mo tseleng e a aparang le e a ipaakanyang ka yone, a tlogela mekgwa e e kotsi mme a bo a simolola go rerela batho ba bangwe. Fa a gatela pele go fitlha a ineela le go kolobediwa, o tla nna mokaulengwe wa rona le modirimmogo le rona. Nngwe le nngwe ya dikgato tseno tse a di tsayang di dira gore re ipele.—1 Bathes. 2:19, 20.
3. Re ka tsaya dikgato dife tse di thusang gore re simolole thuto ya Baebele?
3 A o Ka Nna le Seabe? Fa e le gore o batla go nna le seabe mo tirong eno e e itumedisang thata, kopa Jehofa gore a go neye tshiamelo ya go tshwara thuto ya Baebele mme o bo o dira go dumalana le dithapelo tsa gago. (1 Joh. 5:14) Rera kwa mafelong a go nang le batho mo go one le ka dinako tse ba ka fitlhelwang ka tsone. Buelela thuto ya Baebele mo maemong mangwe le mangwe a a tshwanelang. (Mor. 11:6) Fa o bone motho yo o kgatlhegang mme wa jala peo, boela gore o e nosetse.—1 Bakor. 3:6-9.
4. Ke eng fa re tshwanetse go nna le boikutlo jwa go potlaka fa re buelela dithuto tsa Baebele?
4 Go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba ba tshwerweng ke tlala le go nyorelwa tshiamo. Ke mang yo o tla ba thusang go kgotsofatsa keletso ya bone ya semoya ka go ithuta Baebele le bone? (Math. 5:3, 6) A re ithaopeng ka go rata go thusa go wetsa tiro ya go rera le go dira barutwa pele thobo e ya bokhutlong.—Isa. 6:8.