A Bana ba Gago ba Ipaakantse?
1. Ke eng fa go tlhokega gore bana ba sekolo ba ipaakanye?
1 Ga go na pelaelo gore ngwaga mongwe le mongwe wa sekolo, bana ba gago ba tla lebana le dikgwetlho le dikgatelelo tse disha. Gape ba tla nna le ditshono tse disha tsa go ‘supa ka boammaaruri.’ (Joh. 18:37) A ba ipaakantse?
2. Bana ba gago ba tshwanetse go itse eng e le gore ba ipaakanye?
2 A bana ba gago ba tlhaloganya sentle gore go nna le seabe mo meletlong ya bosetšhaba le mo malatsing a boikhutso a boheitane go akaretsa eng le gore ke eng fa go nna le seabe mo go one go le phoso? A ba ipaakanyeditse go lebana le kgatelelo ya go gagamalela thuto e e kwa godimo, go iintsha le mongwe, go nwa bojalwa kgotsa go dirisa diokobatsi? A ba tla araba fela ka go re tiro nngwe e e seng ya Dikwalo e thulana le bodumedi jwa bone kgotsa a ba itse gore ba tshwanetse go tlhalosa jang se ba se dumelang?—1 Pet. 3:15.
3. Batsadi ba ka dirisa jang maitseboa a Kobamelo ya Lelapa go thusa bana ba bone gore ba ipaakanye?
3 Dirisa Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa: Gone ke boammaaruri gore go ka direga gore mo ngwageng otlhe wa sekolo lo nne le metlotlo fa bana ba gago ba ntse ba lebana le mathata a masha. Mme go dira maiteko a a kgethegileng a go sekaseka mathata a a ka nnang teng kwa sekolong pele bana ba gago ba boela gone, go tla dira gore ba itshepe. Ke eng fa o sa dirise maitseboa mangwe a Kobamelo ya Lelapa kgotsa a a oketsegileng go dira jalo? O ka nna wa botsa bana ba gago gore ke eng se se ba tshwenyang thata kwa sekolong. Dilo tse lo tlotlileng ka tsone mo dingwageng tse di fetileng di ka boelediwa e re ka jaanong bana ba gago ba setse ba godile e bile ba tlhaloganya dilo botoka. (Pes. 119:95) O ka nna wa akaretsa le nako e ka yone lo ikatisang mme o itira morutabana, mogakolodi kgotsa moithuti ka ene. Ruta bana ba gago gore ba ka araba jang ba dirisa Baebele le dikgatiso tse dingwe tse di jaaka buka ya Go Fetolana le dibuka tsa Basha ba Botsa Jaana. Motsadi mongwe o ile a dirisa dinako tsa go ikatisa go thusa bana ba gagwe gore ba ipaakanyetse kafa ba ka buang le barutabana ba bone ba basha ka teng le go ba bolelela gore ke Basupi ba ga Jehofa ngwaga mongwe le mongwe fa sekolo se simolola.—Bona Tora ya Tebelo ya December 15, 2010, tsebe 3-5.
4. Batsadi ba ba botlhale ba tla dira eng?
4 Dikgwetlho tse basha ba Bakeresete ba tshwanelwang ke go lebana le tsone mo malatsing ano a bofelo di ntse di nna “boima go lebana le tsone” le go feta. (2 Tim. 3:1) Batsadi ba ba botlhale ba tla leka go akanya go sa le gale ka mathata a bana ba bone ba tla lebanang le one le go ba baakanyetsa gore ba kgone go a fenya. (Dia. 22:3) Pele dikgwetlho tseno di nna teng, dira sotlhe se o ka se kgonang go thusa bana ba gago gore ba ipaakanye.