A o Ka Solegelwa Molemo ke Kgatiso e e Tlhofofaditsweng?
Makasine o o ithutiwang wa Tora ya Tebelo jaanong o teng ka kgatiso ya Seesemane se se tlhofofaditsweng. Kgatiso eno e diretswe (1) baboledi ba ba buang Seesemane ba ba ka solegelwang molemo ke mafoko a a motlhofo, gongwe e le ka gonne ba sa rutega go le kalo; (2) baboledi ba Seesemane e seng puo ya bone; (3) basha, go akaretsa le ba ba tsenang sekolo; le (4) batho ba ba ithutang Baebele ba ba tlhokang mafoko a a motlhofo, a a itayang kgomo lonaka gore ba tlhaloganye dilo tsa semoya.
Dinomoro tsa dirapa, dipotso le ditlhogo di tsamaisana le tsa kgatiso e e tlwaelegileng. Tshedimosetso e e mo go yone e tshwana kgo le ya makasine o o tlwaelegileng, ke fela gore go dirisitswe mafoko a a motlhofo. Motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo le mokaulengwe yo o balang dirapa ba tla dirisa kgatiso e e tlwaelegileng ntle le fa bontsi jwa bareetsi ba dirisa kgatiso e e tlhofofaditsweng. Le fa go ntse jalo, ba ba dirisang kgatiso e e tlhofofaditsweng ba tla bona ditemana tse di umakilweng le ditshwantsho tse di tshwanang le tse di mo makasineng o o tlwaelegileng mme ba tla kgona go latela fa go ntse go balwa dirapa e bile ba tla kgona go akgela.
Baboledi bape ba ba akanyang gore ba ka solegelwa molemo ke makasine ono ba tshwanetse go kopa motlhanka wa dimakasine gore a ba otarele one ka metlha.