LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/12 ts. 3-4
  • Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
km 3/12 ts. 3-4

Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang

Basupi ba ga Jehofa ba ba Rategang:

Re itumelela go kwalela lona batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba rategang, ba gone jaanong lo fetang dimilione di le supa. Fa o kopana le modumedimmogo yo o tswang kwa karolong e nngwe ya lefatshe, ka yone nako eo o ikutlwa o na le kamano e e kgethegileng ya lorato le motho yoo. (Joh. 13:34, 35) Ga go na pelaelo gore fa o bala Yearbook, go utlwa dipego tse di kgatlhang tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba nang le tumelo le ba ba ikanyegang ba ba tswang mo dinageng tse di farologaneng, le gone go tla dira gore o bone kamano eo e e kgethegileng.

Dipego tse di tswang mo lefatsheng lotlhe di bontsha gore bontsi jwa lona lo tshwara Kobamelo ya Lelapa ka metlha. Bangwe ba lona ba lo nang le bana ba bannye lo dirisitse ditsela di le dintsi tse di kgatlhang go dira gore bana ba lona ba nne le kgatlhego le gore ba reetse. (Baef. 6:4) Banyalani ba atamalana thata fa ba ithuta mmogo. (Baef. 5:28-33) Eleruri motho a le nosi le malapa, a solegelwa molemo ke thulaganyo eno ka ntlha ya go ithuta Lefoko la Modimo ka botlalo.—Josh. 1:8, 9.

Re lo utlwela botlhoko lona lotlhe ba lo ileng lwa senyegelwa ka ntlha ya masetlapelo a tlholego a bosheng. Re dirisa nako eno go leboga batho ba le bantsi ba ba ileng ba se ka ba okaoka go thusa go namola ba ba neng ba tlhoka thuso ka nako eo ya masetlapelo. (Dit. 11:28-30; Bagal. 6:9, 10) Mo godimo ga moo, phuthego nngwe le nngwe e na le batho ba ba kgonang go lemoga ditlhoko tsa nama tsa bakaulengwe ba rona mme ba bo ba tsaya kgato ya go ba thusa. Fela jaaka Dorekase wa bogologolo, lo tota mo “ditirong tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko.” (Dit. 9:36) Tlhomamisegang gore Jehofa o ela seno tlhoko le gore o tla lo duela ka tsela e e tshwanetseng.—Math. 6:3, 4.

Mo dinageng dingwe, ditshwanelo tsa lona di gatakwa ke batho ba ba dirisang molao ka tsela e e sa siamang e le gore ba ‘rere mathata ka taelo.’ (Pes. 94:20-22) Go lemoga gore Jesu o ile a bolelela pele ka pogiso e e ntseng jalo, go dira gore lo itshoke ka tlhoafalo le go dira Jehofa botshabelo jwa lona. (Joh. 15:19, 20) Baratwa, tlhomamisegang gore re lo umaka mo dithapelong tsa rona ka metlha fa lo ntse lo “iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang lebaka la tsholofelo.”—1 Pet. 3:13-15.

Re lo akgola ka lorato lona lo le dimilionemilione ba lo nnang lo na le boitsholo jo bo siameng ngwaga le ngwaga le fa Satane a tswelela go kgothaletsa le go anamisa boitsholo jo bo maswe le mekgwa ya gagwe ka tsela e e bofitlha. Mo nakong e melao ya boitsholo ya lefatshe leno e ntseng e senyegela pele, lona lo “bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe.” (Baef. 6:10) Lo ‘apere diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong,’ mme lo kgona go ema lo nitame kgatlhanong le “maano a boferefere a ga Diabolo.” (Baef. 6:11, 12) Itseng gore Jehofa o dirisa sekao sa lona go naya mokgobi wa gagwe e bong Satane karabo e e utlwalang!—Dia. 27:11.

Re ile ra itumela tota fa re utlwa gore ka 2011, go nnile le batho ba le 19 374 737 ba ba neng ba tlile Segopotsong sa loso lwa Morena wa rona. Palo eo e e kgatlhang ya batho ba ba neng ba le teng e nnile gone ka ntlha ya tsela e e gakgamatsang e lo ileng lwa arabela ka yone ka go nna babulatsela ba ba thusang ka April ngogola. Batho ba le dimilionemilione mo lefatsheng ba kgona go utlwa modumo o o seoposengwe wa pako e e yang kwa go Jehofa o o tswang mo Basuping ba gagwe ba ba ikanyegang! (Bar. 10:18) Le fa o ka tswa o ne o le mongwe wa ba ba 2 657 377 ba e neng e le babulatsela ka kgwedi eo kgotsa o ne o iketleeleditse go oketsa tiro ya gago ka tsela nngwe, lotlhe fela lo dirile gore re tlale boitumelo ka ntlha ya moya wa go ithaopa ka go rata le tlhoafalo ya go dira e lo e bontshitseng.—Pes. 110:3; Bakol. 3:23.

Ngogola, batho ba le 263 131 ba ne ba bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa. Re leboga Jehofa ka seno e bile re lo leboga lotlhe ka go kopanela le rona mo go fetisetseng taletso eno kwa go ba bangwe: “‘Tla!’ Mme le fa e le mang yo o utlwang a a re: ‘Tla!’ Le fa e le mang yo o nyorilweng a a tle; le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshen. 22:17) Segolobogolo morago ga go ithuta ka dikarolo tsa Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo, kwa dikopanong tsa rona tsa kgaolo tsa 2011, re bua jaana ka boitumelo jo bogolo go feta le fa e le leng pele, “A Bogosi Jwa Modimo bo Tle!” Re tlhotlhelediwa ke mafoko a ga Jesu a a re tlhomamisetsang a a reng, “Ke tla ka bofefo,” re bua mafoko a ga moaposetoloi Johane ka pelo yotlhe a a neng a araba ka one fa a re: “Amen! Tla, Morena Jesu.”—Tshen. 22:20.

Fa lo ntse lo letetse tiragalo eo e e itumedisang, tsweetswee tlhomamisegang gore re rata mongwe le mongwe wa lona bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, ba lo bontshang Jehofa gore lo mo rata “ka tiro le boammaaruri”!—1 Joh. 3:18.

Bakaulengwe ba lona,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela