A o Ka Solegelwa Molemo ke go Nna le Tshimo ya Gago?
1. Go kaya eng go nna le tshimo ya gago?
1 Go kaya eng go nna le tshimo ya gago? Fa o le mo phuthegong e e nang le tshimo e kgolo, go kaya go nna le tshimo ya gago ka namana, gongwe e le e e leng gaufi le kwa o nna teng. Buka ya Re Rulaganyeditswe mo tsebe 103, e tlhalosa jaana: “Go nna le tshimo ya gago ka namana e e leng gaufi le wena go tla go thusa go dirisa nako ya gago ka tsela e e molemo mo tirelong ya tshimo. Gape, o ka nna wa batla go laletsa mmoledi yo mongwe go dira le wena mo tshimong ya gago.”
2. O ka dirisa tshimo ya gago jang go tshegetsa thulaganyo ya go neela bosupi lo le setlhopha?
2 Go Tshegetsa Thulaganyo ya go Neela Bosupi lo le Setlhopha: Fa o fiwa tshimo ya gago gaufi le kwa o berekang teng, o ka nna wa dira tshimo ka nako ya dijo tsa motshegare kgotsa pele o ya gae, gongwe o dira seo le mmoledi yo mongwe yo o berekang gaufi le kwa o berekang teng. Fa o fiwa tshimo e e gaufi le kwa o nnang teng, wena le ba lelapa la gago lo ka e dirisetsa go dira tshimo ya maitseboa. Gone mme, fa o sa nne teng kwa pokanong ya tirelo ya tshimo, o tshwanetse go rapelela kaelo ya ga Jehofa pele o simolola go rera. (Bafil. 4:6) Mo godimo ga moo, o tshwanetse wa nna tekatekano ka nako e o e dirisang mo tshimong ya gago le nako e o e dirisetsang go tshegetsa thulaganyo ya go neela bosupi le phuthego. Segolobogolo mo mafelobekeng, fa ba le bantsi ba nna teng mo pokanong ya tirelo ya tshimo gantsi go molemo gore o bereke le setlhopha sa gago sa tirelo ya tshimo.
3. Melemo ya go nna le tshimo ya gago ke efe?
3 Melemo ya Gone: Fa o na le tshimo ya gago, seo se raya gore o na le lefelo le o ka rerang kwa go lone nako nngwe le nngwe fa thulaganyo ya gago e go letla. O ka dirisa nako e e oketsegileng mo tirong ya go rera mme o sa dirise nako e ntsi o tsamaya. Tsela ya go kgona go fetofetoga le maemo e letla bangwe go nna babulatsela ba ba thusang kgotsa ba ka metlha. E re ka beng ba matlo ba ba bontshang kgatlhego ba nna mo lefelong le o leng mo go lone, go motlhofo go boela kwa go bone le go tshwara dithuto tsa Baebele. Ba le bantsi ba fitlhela gore go rera mo tshimong e ba e filweng go ba thusa go tlwaelana le beng ba matlo le go dira gore ba ba tshepe, segolobogolo fa tshimo e ka berekiwa makgetlho a le mmalwa, pele karata ya tshimo e busiwa gore ba bangwe ba kgone go kopa tshimo eo. A go bereka tshimo ya gago go tla thusa wena le ba lelapa la gago go dira bodiredi jwa lona ka botlalo?—2 Tim. 4:5.