Tsela ya go Thusa Ba ba Sa Kgoneng go Bala Sentle
1. Go ithuta Baebele le batho ba ba sa kgoneng go bala sentle go na le kgwetlho efe?
1 Beng ba matlo ba ba sa kgoneng go bala sentle ba ka kgatlhegela dilo tsa semoya, mme Baebele le dibuka tse dingwe di ka dira gore ba inyatse. Go naya batho ba ba ntseng jalo buka ya Baebele e Ruta Eng? segolobogolo mo lekgetlong la ntlha fa re ba etetse go ka nna ga se nne le matswela a a molemo go le kalo. Re ka ba thusa jang semoyeng? Re ne ra botsa baboledi ba ba nang le maitemogelo go tswa mo dinageng di feta 20 gore bone ba dira jang. Dikakantsho tsa bone ke tseno.
2. O ka dirisa dikgatiso dife go thusa mongwe yo o sa kgoneng go bala sentle?
2 Fa moithuti a sa kgone go bala sentle kgotsa a sa itse go bala, o ka simolola go ithuta le ene ka boroutšhara jwa Listen to God [jwa ditshwantsho fela] kgotsa jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri. Mmulatsela mongwe kwa United States o bontsha motho diboroutšhara tseo ka bobedi a bo a mmotsa gore ke efe e a e ratang thata. Ofisi ya lekala kwa Kenya e bega gore dikgatiso tseno di nnile le matswela thata koo ka gonne mo setsong sa Seafrika, gantsi batho ba rutiwa ka go tlotlelwa go na le go dirisa mokgwa wa dipotso le dikarabo. Go ka nna motlhofo fela gore motho yo o rutegileng a dumele go rutiwa go dirisiwa mokgwa wa go bala le go bodiwa dipotso, mme mokgwa ono o ka dira gore motho yo o sa tsenang sekolo a ikutlwe a sa phuthologa. Fa moithuti a kgona go bala ka selekanyo se se rileng, baboledi ba le bantsi ba rata go simolola le ene ka boroutšhara jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! kgotsa jwa O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! kgotsa ka Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele.
3. Ke eng se re tshwanetseng go se itse ka batho ba ba sa kgoneng go bala gore re nne le matswela fa re ba ruta?
3 Ba Akgole: Batho ba ba iseng ba tsamaye ba ithute go bala ba ka tlhabiwa ke ditlhong mme ba le bantsi ba a inyatsa. Gantsi kgato ya ntlha ya go ba ruta boammaaruri ke go ba thusa gore ba ikutlwe ba phuthologile. Bontsi jwa batho ba ba sa kgoneng go bala ba botlhale e bile ba kgona go ithuta. Ba bontshe tlotlo e e ba tshwanetseng mme o ba tshware ka seriti. (1 Pet. 3:15) Ba tla tlhotlheletsega go tswelela pele ba ithuta fa ba lemoga gore maiteko a bone ga se a lefela le gore ba gatela pele semoyeng. Ka jalo nna o ba akgola.
Batho ba ba iseng ba tsamaye ba ithute go bala ba ka tlhabiwa ke ditlhong mme ba le bantsi ba a inyatsa. Gantsi kgato ya ntlha ya go ba ruta boammaaruri ke go ba thusa gore ba ikutlwe ba phuthologile
4. Re ka kgothaletsa jang ba ba sa kgoneng go bala sentle gore ba baakanyetse thuto?
4 Tota le fa moithuti a sa kgone go bala sentle, mo kgothaletse go baakanyetsa thuto. Baboledi bangwe ba Afrika Borwa ba kgothaletsa batho ba ba ithutang le bone gore ba kope mongwe mo lelapeng kgotsa tsala e e kgonang go bala sentle gore e ba thuse. Mmoledi mongwe kwa Boritane o rotloetsa baithuti ba gagwe go baakanyetsa ka go ba adima buka ya gagwe gore ba bale dirapa di se kae mo go yone fa thuto e tsweletse mme ba bone kafa go leng motlhofo thata ka teng go bona dikarabo fa di thaletswe. Mokaulengwe mongwe kwa India o kgothaletsa baithuti ba gagwe go leba ditshwantsho tsa thuto ya beke e e latelang ba bo ba tlhatlhanya ka tsone go sa le gale.
5. Re ka bontsha bopelotelele jang fa re tshwere thuto?
5 Nna Pelotelele: Go sa kgathalesege gore o dirisa kgatiso efe, tlhoma mogopolo mo dintlheng tsa konokono mme o thuse motho yo o ithutang le ene go di tlhaloganya sentle. Kwa tshimologong, go ka nna molemo go tlotla metsotso e le 10 go ya go e le 15. O se ka wa leka go tlotla ka dintlha tse dintsi thata, gongwe lo ka bala dirapa di le mmalwa fela nako le nako fa lo ithuta. Nna pelotelele fa moithuti a bala ka bonya. A ka nna a tlhotlheletsega go tokafatsa tsela e a balang ka yone fa a simolola go itse Jehofa. E le go thusa motho yo o ithutang le ene go dira jalo, go molemo gore o mo laletse go tla dipokanong di tloga fela.
6. Re ka thusa batho jang gore ba ithute go bala?
6 Fa baithuti ba Baebele ba ithuta go bala, ba tla gola ka bonako semoyeng. (Pes. 1:1-3) Ba le bantsi ba thusitse batho ba ba ithutang le bone ka go dirisa kgatiso ya Ineele go Bala le go Kwala metsotso e se kae kwa bofelong jwa thuto nngwe le nngwe. Fa moithuti a kgobega marapo, gongwe o ka dira gore a itshepe ka go mmontsha dilo dingwe tse a ileng a ithuta go di dira. Mo tlhomamisetse gore Jehofa o tla segofatsa maiteko a gagwe mme o mo kgothaletse go rapelela thuso. (Dia. 16:3; 1 Joh. 5:14, 15) Baboledi bangwe kwa Boritane ba kgothaletsa batho ba ba ithutang le bone go ipeela mekgele e ba ka kgonang go e fitlhelela mme e le e e ba thusang go gatela pele—gongwe ba simolola ka go ithuta dialefabete, go tswa foo ba bo ba batla ditemana dingwe tse di tlhophilweng le go di bala mme la bofelo ba bale dikgatiso tse di motlhofo tsa Baebele. Gantsi go thusa batho go ithuta go bala go akaretsa go ba rotloetsa gore bone ka bobone ba batle go dira jalo, e seng fela go ba ruta go bala.
7. Ke eng fa re sa tshwanela go ikgogona go ithuta boammaaruri le batho ba ba sa itseng go bala sentle?
7 Jehofa ga a tseele batho ba ba sa rutegang kwa tlase. (Jobe 34:19) O hukutsa pelo ya motho. (1 Ditir. 28:9) Ka jalo, o se ka wa ikgogona go ithuta boammaaruri le batho ba ba sa itseng go bala sentle. Go na le dikgatiso tse dintsi tse di molemo tse o ka simololang ka tsone. Fa nako e ntse e ya, lo ka tsweledisa thuto ka buka ya Baebele e Ruta Eng? mme o mo thuse go tlhaloganya Dikwalo botoka.