Tsaya Kgato ka Bonako
Fa e sa le Web site ya rona e e tlhabolotsweng e simolola go dira, dikopo tse di dirwang ka Internet tsa dithuto tsa Baebele di oketsegile fela thata. Dikopo tse di oketsegileng di nnile gone ka ntlha ya thulaganyo e ntšha ya go neela bosupi phatlalatsa. Ofisi ya lekala e arabela dikopo tseno ka bonako jo bo kgonegang. Ka sekai, fa motho yo o kgatlhegang a dirile kopo mo jw.org/tn, gantsi morago ga malatsi a le mabedi fela ofisi ya lekala e tla itsise bagolwane ba ba mo tshimong ya motho yoo. Le fa go ntse jalo, dipego tse di tswang kwa tshimong di bontsha gore go ile ga feta dibeke di le mmalwa go sa ikgolaganngwe le bangwe ba ba kopileng thuto ya Baebele. Re ka tlhomamisa jang gore motho o newa thuso pele kgatlhego ya gagwe e fela?—Mar. 4:14, 15.
Fa o kopana le motho yo o kgatlhegang mme a sa nne mo tshimong ya lona, ntle le go diega tlatsa foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) mme o e neye mokwaledi kwa pokanong ya lona e e latelang kgotsa pele ga foo. Mo letsatsing le le lengwe kgotsa a mabedi, mokwaledi o tshwanetse go romela tshedimosetso eo kwa phuthegong e e tshwanetseng kgotsa a e romele kwa ofising ya lekala ka go tobetsa konopo ya Phuthego mo jw.org/tn. Bagolwane ba tshwanetse go nna ba tlhola Web site ka metlha. Fa ba amogela kitsiso ya gore ba etele mongwe, ba tshwanetse go tsaya kgato ka bonako. Mmoledi ope fela yo o kopiwang go etela motho yoo o tshwanetse go dira jalo ka bonako. Fa o fitlhela motho yoo a seyo mo gae, gongwe o ka tlogela pampiri e e nang le tshedimosetso e a ka ikgolaganyang le wena ka yone.