Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Ka November 2014 go fitlheletswe tiro e ntsi mo dinageng tse thataro tse di tlhokometsweng ke lekala la Afrika Borwa. Le fa re sa nna le dipalo dipe tse disha, re itumelela go bega palogotlhe ya baboledi ba le 102 678 ba ba nnileng le seabe mo tirong ya go rera mo dinageng tseno tse thataro. Go ne ga tshwarwa dithuto tsa Baebele di le 154 190. Re ka solofela koketsego e kgolo, jaaka re bona mo dipalong tsa batho ba ba nnileng gone mo dikopanong tsa rona tsa tikologo tsa 2014 tse di tshwerweng mo tshimong e e tlhokometsweng ke lekala la rona: mo dikopanong di le 53 go ne ga tla batho ba le 207 508 mme ga kolobediwa barutwa ba basha ba le 2 583. E kete rotlhe re ka ntshetsa Jehofa ditebogo, gonne o molemo.—Pes. 106:1.