Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Re itumelela go lo itsise gore le fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba le mo malatsing a boikhutso ka kgwedi ya December, ba ne ba bolelela ba bangwe ka Bogosi Jwa ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe jwa go dira gore lefatshe e nne paradaise. (Math. 24:14; Tshen. 21:4, 5) Le fa go se na dipalopalo dipe tse disha tse di fitlheletsweng, go ne ga tshwarwa dithuto tsa Baebele di le dintsi, ga tlisiwa maina a batho ba ba kwa mafelong a sele gore ba tshwarelwe dithuto ga bo ga newa batho ba ba kgatlhegang dikgatiso tse dintsi. Re ne ra itumela thata fa Mokaulengwe Morris le Mokaulengwe Griffin ba etetse lekala e bile re itumelela go lo itsise gore batho ba ka nna 160 000 ba ne ba reetsa thulaganyo eno e e kgethegileng ka January 11, 2015. Seno se ne sa dira gore re nne seoposengwe.