LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/15 ts. 2
  • “Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono”
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Sepela ka Tumelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Bontsha Gore o Dumela Ditsholofetso Tsa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
km 12/15 ts. 2

“Tsamaya ka Tumelo, e Seng ka Pono”

Pelenyana fela ga fa Jerusalema e dikaganyediwa ke masole le go senngwa, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete a ba gopotsa gore e re ka e le masole a ga Keresete, ba tshwanetse go lebelela gore go tla nna thata le gore ba se ka ba tsepamisa megopolo mo go ijeseng monate. (2 Tim. 2:3, 4) Go ise go ye kae, batho ba ba sa batleng go utlwa sepe ka Modimo ba tlile go senngwa mme rona re tlhoka go nna re na le tumelo e e nonofileng gore re kgone go tsepamisa mogopolo mo tirong ya Modimo. (2 Bakor. 4:18; 5:7) Leba bidio ya “Tsamaya ka Tumelo e Seng ka Pono.” (Ya kwa jw.org mme o lebe DIKGATISO > DIBIDIO.) Ela tlhoko tsela e go rata dithoto go ileng ga nna kotsi ka gone mo go Nahame le Abitale. Go tswa foo, sekaseka dipotso tse di latelang.

(1) “Selo se se ferosang sebete . . . [se se neng] se eme mo lefelong le le boitshepo” ke eng mme ke kgato efe e e potlakileng e Bakeresete ba ba nnang kwa Jerusalema ba neng ba tshwanetse go e tsaya? (Math. 24:15, 16) (2) Ke eng fa Mokeresete a ne a tshwanetse go nna le tumelo gore a kgone go sia? (3) Go sia go ne go tlhoka gore motho a intshe setlhabelo jang? (4) Ke eng fa Nahame le Abitale ba ile ba diega? (Math. 24:17, 18) (5) Tumelo ya ga Ragele e ne ya lekwa jang fa a ne a sia a tswa kwa Jerusalema? (Math. 10:34-37; Mar. 10:29, 30) (6) Ethane o ne a bontsha jang gore o na le tumelo le gore o ikanya Jehofa? (7) Bakeresete ba kwa Pela ba ile ba lebana le dikgwetlho dife? (8) Ke eng se se neng se bontsha gore tumelo ya ga Nahame le Abitale e ne e koafalela pele? (9) Jehofa o ne a tlamela jang Bakeresete ba ba neng ba le kwa Pela? (Math. 6:33; 1 Tim. 6:6-8) (10) Re ka etsa jang sekao sa ga Aborahame le Sara fa re ntse re letile gore lefatshe leno le senngwe? (Baheb. 11:8-10) (11) Go tlile jang gore Nahame le Abitale ba feleletse ba boetse kwa Jerusalema mme ke eng fa tsela e ba neng ba akanya ka yone e ne e le phoso? (Luke 21:21) (12) Nahame le Abitale ba ile ba fitlhela botshelo bo ntse jang fa ba goroga kwa Jerusalema? (13) Ke eng fa re tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng gone jaanong—pele ga lefatshe leno le ya bokhutlong?—Luke 17:31, 32; 21:34-36.

Go tsamaya ka tumelo go kaya, (1) go reetsa fa Jehofa a re laela, (2) go dirisa kgakololo ya gagwe le (3) go bontsha ka tsela e re tshelang ka yone gore re tsaya botsala jwa rona le Modimo bo le botlhokwa go gaisa dithoto. E kete re ka nna re ititeile sehuba gore re tla tsamaya ka tumelo re tlhomamisegile gore “lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Joh. 2:17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela