MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 DITIRAGALO 33-36
Jehofa o Tsaya go Ikwatlhaya go Tswa Pelong go le Botlhokwa
E e Gatisitsweng
MANASE
Jehofa o ile a letla gore Baasiria ba mo tshware ba bo ba mo ise Babelona a bofilwe ka mehiri
PUSO YA GAGWE PELE A YA BOTSHWARWA
O ne a agela medimo ya maaka dibeso
O ne a ntsha bana ba gagwe ditlhabelo
O ne a bolaya batho ba ba se nang molato
O ne a rotloetsa tirisabadimo mo setšhabeng
PUSO YA GAGWE FA A TSWA BOTSHWARWA
O ne a ikokobetsa fela thata
O ne a rapela Jehofa; a ntsha ditlhabelo
O ne a tlosa dibeso tsa medimo ya maaka
O ne a kgothaletsa setšhaba go direla Jehofa
JOSIA
FA A BUSA
O ne a batla Jehofa
O ne a ntlafatsa Juda le Jerusalema
O ne a baakanya ntlo ya ga Jehofa; a bona buka ya Molao