MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESETHERE 6-10
Esethere O ne A Direla Jehofa le Batho ba Gagwe a sa Ikakanyetse a le Esi
Esethere o ne a le pelokgale e bile a sa ikakanyetse a le nosi fa a ne a femela batho ba ga Jehofa
Esethere le Moredekai ba ne ba sireletsegile. Mme taelo ya ga Hamane ya gore Bajuda ba bolawe e ne ya romelwa kwa dintlheng tsotlhe tsa mmusomogolo
Esethere o ne a tsenya botshelo jwa gagwe gape mo kotsing ka go ya kwa kgosing a sa bidiwa. O ne a lela a kopa kgosi gore e phimole taelo eo e e setlhogo e e amang batho ba gaabo
Melao e e neng e tlhomilwe ka tetla ya kgosi e ne e ka se phimolwe. Ka jalo, kgosi e ne ya naya Esethere le Moredekai tetla ya go tlhoma molao o mongwe
Jehofa o ne a thusa batho ba gagwe go fenya
Go ne ga ntshiwa molao wa bobedi o o neng o naya Bajuda tetla ya go itshireletsa
Bapalami ba dipitse ba ne ba ragogela kwa dintlheng tsotlhe tsa mmusomogolo mme Bajuda ba ne ba ipaakanyetsa ntwa
Batho ba le bantsi ba ile ba bona bosupi jwa gore Jehofa o ne a eme Bajuda nokeng ka jalo ba bo ba ipolela gore ke Bajuda