LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb17 October ts. 3
  • O ka Dirang Gore o Nne Moithuti yo o Tlhagafetseng wa Baebele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Dirang Gore o Nne Moithuti yo o Tlhagafetseng wa Baebele?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Solofetsa Daniele Maduo a a Itumedisang Thata
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • A Ruri Modimo o Amega ka Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Buka ya Daniele le Wena
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Go Tlhaola Baobamedi ba Boammaaruri mo Motlheng wa Bofelo
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
mwb17 October ts. 3

BOTSHELO JWA BOKERESETE

O ka Dirang Gore o Nne Moithuti yo o Tlhagafetseng wa Baebele?

A o ka rata go ikanyega fa o lekwa fela jaaka Daniele a ile a dira? Daniele o ne a bala Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, go akaretsa le boporofeti jwa bakwadi ba bangwe. (Dan 9:2) Go tlhagafalela go bala Baebele go ka go thusa gore o nne o ikanyega. Jang? Go ka go thusa gore o dumele gore ditsholofetso tsa Modimo di tla diragadiwa. (Jos 23:14) Gape go ka dira gore o rate Jehofa le go feta le go go tlhotlheletsa go dira dilo tse di mo itumedisang. (Pes 97:10) Mme gone, o ka simolola jang? Akanya ka dikakantsho tseno tse di latelang.

Daniele o ithuta Lefoko la Modimo
  • Ke tshwanetse go ithuta eng? O ka simolola ka go baakanyetsa dipokano. O ka ithuta go le gontsi fa o dira dipatlisiso ka dintlha tse o sa di tlhaloganyeng go tswa mo mmalong wa Baebele wa beke le beke. Gape o ka ithuta mo go oketsegileng ka boporofeti bongwe jwa Baebele, dinonofo tse di farologaneng tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone, maeto a ga moaposetoloi Paulo fa e ne e le morongwa le ka dilo tse Jehofa a di bopileng. Fa sengwe se tla mo tlhaloganyong ya gago, se kwale o bo o se batlisisa ka nako ya fa o ithuta.

  • Nka bona kae tshedimosetso e ke e batlang? Leba bidio ya Didirisiwa Tse di re Thusang go Dira Dipatlisiso ka Baebele mme o bone dikakantsho dingwe tse o ka di dirisang. Go bona gore a o tlhaloganya dilo tse o di ithutang, dira dipatlisiso ka dipuso tsa lefatshe tse di emelwang ke dibatana tsa naga tse Baebele e buang ka tsone mo kgaolong ya bosupa ya buka ya Daniele.

  • Ke tshwanetse go fetsa nako e kana kang ke ithuta? Go ithuta Baebele ka metlha go nonotsha tumelo ya rona. Re ka simolola ka go ithuta ka nako e khutshwane mme fa go ntse go ya, re ka oketsa nako ya go ithuta. Go ithuta Baebele go tshwana le go batla matlotlo a a fitlhegileng; fa o ntse o epa o bo o a bona, ga o kitla o kgaotsa go a batla! (Dia 2:3-6) Keletso ya go batla go ithuta Lefoko la Modimo e tla nna e ntse e gola mme go ithuta Baebele e tla nna selo se o se dirang ka metlha.—1Pe 2:2.

    Go bona dikakantsho tsa se o ka se dirang gore o natefelwe ke go ithuta Baebele, bala makasine wa Tsogang! ya February 2012, tsebe 18-20.

DIBATANA TSE DI MO GO DANIELE KGAOLO 7 DI EMELA ENG?

  • Sebatana se se tshwanang le tau se na le diphuka tsa ntsu

    Dan 7:4

  • Sebatana se se tshwanang le bera se hupile dikgopo tse tharo

    Dan 7:5

  • Sebatana se se tshwanang le lengau se na le ditlhogo tse nnê le diphuka tse nnê mo mokwatleng

    Dan 7:6

  • Sebatana se se boifisang se na le meno a tshipi le dinaka tse di lesome

    Dan 7:7

POTSO E NNGWE:

Daniele 7:8, 24 e ile ya diragadiwa jang?

Lonaka lo lo nang le matlho le molomo lo tswa mo gare ga dinaka tse di lesome mme le ntsha dinaka tse tharo

SE O KA SE ITHUTANG:

Dibatana tse di mo Tshenolo kgaolo 13 di emela eng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela