BOTSHELO JWA BOKERESETE
Boitshwaro le Tlotlo di ka Fetola Molekane wa Gago wa Lenyalo
Gantsi borre ba amogela boammaaruri ka ntlha ya boitshwaro jo bo molemo jwa basadi ba bone ba ba nnang Bakeresete. Mme gone ga go motlhofo. Go ka tlhokega gore o itshoke dingwaga di le dintsi. (1Pe 2:21-23; 3:1, 2) Fa o sa tshwarwe sentle, nna o fenya bosula ka molemo. (Bar 12:21) Gongwe le fa monna wa gago a sa go reetse fa o bua ka Jehofa, o tla fetolwa ke boitshwaro jwa gago jo bo molemo.
Leka go tlhaloganya gore monna wa gago o ikutlwa jang. (Baf 2:3, 4) Itsenye mo ditlhakong tsa gagwe, mo rate e bile o dire ka natla go dira maikarabelo a gago jaaka mmê mo lapeng. Iphe nako o mo reetse. (Jak 1:19) Nna pelotelele e bile a bone gore o a mo rata. Le fa a se bonolo e bile a sa go tlotle, itse gore Jehofa o itumelela go go bona o ikanyega.—1Pe 2:19, 20.
LEBANG BIDIO YA, JEHOFA O RE NAYA MAATLA A GO RWALA MERWALO YA RONA, LO BO LO TLOTLA KA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
Pele Grace Li e nna Mosupi, lenyalo la gagwe le ne le ntse jang?
Ke eng se se dirileng gore a ithute boammaaruri?
Fa Kgaitsadi Li a sena go kolobediwa, o ile a itshokela mathata jang?
Kgaitsadi Li o ne a rapelela eng ka monna wa gagwe?
Jehofa o ile a segofatsa Kgaitsadi Li jang ka ntlha ya boitshwaro le tlotlo ya gagwe?
Boitshwaro jo bo molemo le tlotlo e e boteng di maatla!