BOTSHELO JWA BOKERESETE
Jehofa o Rata yo o Nayang ka Boitumelo
Lokwalo lwa 2 Bakorintha 9:7 la re: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” Gompieno go na le mekgwa e le mentsi ya go ntsha meneelo ka Internet gore re tshegetse tiro e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa mo re nnang teng kgotsa mo lefatsheng lotlhe.
LEBANG BIDIO YA, GO NTSHA MONEELO O DIRISA INTERNET, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATENG:
Re ka bona jang tshedimosetso ya go ntsha meneelo gore re itse mekgwa e naga ya rona e e dirisang?
Go ntsha meneelo ka Internet go thusitse ba bangwe jang?
Ke ditsela dife tse re ka di dirisang go ntsha meneelo?
Re ka dira eng fa re sa tlhaloganye gore mokgwa ono o mosha wa go ntsha meneelo o bereka jang?