MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | GENESISE 42-43
Josefa o Bontsha Gore o Boikgapo
O akanya gore Josefa o ne a ikutlwa jang fa a ne a kopana le bomorwarraagwe a sa solofela? A ka bo a ba boleletse gore ke ene mang le gore o itumelela go ba bona kgotsa a ka bo a tlhophile go ipusolosetsa. Mme ga a ka a letla gore tsela e a ikutlwang ka yone e dire gore a dire dilo a sa akanye. O ka dira eng fa ba masika a gago kgotsa batho ba bangwe ba sa go tshware sentle? Sekao sa ga Josefa se re ruta gore re lwele go nna boikgapo le gore re se ka ra tseega maikutlo fa batho ba bangwe ba sa re tshware sentle e bile re se ka ra letla pelo ya rona e e boferefere e laole tsela e re dirang dilo ka yone.
O ka etsa sekao sa ga Josefa jang fa o na le mathata?