A o Kile wa Ipotsa Dipotso Tseno?
Ke eng fa go tletse dintwa mme batho botlhe ba batla go tshela ka kagiso?
A go ka kgonega gore motho a nne le kagiso ya mmatota mo lefatsheng leno le le tletseng thubakanyo?
A re tla tsamaya re tshela mo lefatsheng le le se nang dintwa?
Tsela e Baebele e arabang dipotso tseno ka yone e ka go gakgamatsa mme gone dikarabo tseo di tla go gomotsa.
Goreng o sa iphe nako ya go sekaseka se Baebele e se buang ka kgang eno e e botlhokwa? Utlwa mo go oketsegileng go tswa mo makasineng ono wa Tora ya Tebelo.