LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb15 ts. 162-ts. 163 ser. 2
  • Batho ba le 22 ba Tlogetse Kereke

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba le 22 ba Tlogetse Kereke
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
yb15 ts. 162-ts. 163 ser. 2

DOMINICAN REPUBLIC

Batho ba le 22 ba Tlogetse Kereke

Setshwantsho mo go tsebe 162

GERMAN GOMERA ke ngwana wa bolesome mo lelapeng la bana ba le 11. Fa rraagwe le bokgaitsadie ba babedi ba sena go tlhokafala, mmaagwe e bong Luisa o ne a ba fudusetsa kwa toropong. Fa ba tsena koo, ba ne ba simolola go tsena Kereke e e neng e tsenwa ke bomogolowe Luisa le ba malapa a bone.

German a re: “Banyalani ba babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba fudugela mo toropong ka 1962. Go ne go twe ba ruta batho ‘dithuto tsa ga Diabolo.’ Le fa go ntse jalo, banyalani bano ba ne ba amogelwa kwa legaeng la boora Piña. E ne e le lelapa le legolo. Ba ne ba kgatlhilwe ke botho le maitseo a babulatsela mme ba ba reetsa ka tlhoafalo. Ka ntlha ya ketelo eno, lelapa la boora Piña le bokgaitsadiake ba bararo ba ne ba simolola go ithuta Baebele.

German a re: “Letsatsi lengwe fa babulatsela bano ba ne ba etetse boora Piña, Mmè o ne a lalediwa. Ba ne ba bala ditemana tse di buang ka go tshelela ruri mo lefatsheng. Mmè o ne a botsa jaana, ‘Jaanong goreng kwa kerekeng go twe re ya legodimong?’ Mokaulengwe o ne a mo araba ka Baebele a bo a mo tlhalosetsa gore Baebele ya reng ka tsogo ya baswi. Seno se ne sa dira gore Mmè a itumele mme go tswa foo a simolola go bolelela ba bangwe ka se a se ithutileng.

“Fa baruti ba kereke ba sena go utlwa gore ba ne ba ithuta le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba leka go ba thibela ka dikgoka. Mmaabone, Maximina Piña, o ne a raya baruti a re, ‘Bonang fa! Kana ke mogolo, ke kgona go itirela ditshwetso.’

German a re: “Kgabagare, batho ba le 22 ba ne ba tlogela kereke mme ba simolola go ya dipokanong kwa ntlong nngwe e e hirilweng. Mmè o ne a kolobediwa ka 1965 mme nna ka kolobediwa moragonyana ka 1969, ke na le dingwaga di le 13.”

Setshwantsho mo go tsebe 163

German a na le bokgaitsadie. Botlhe ba direla Jehofa ka boikanyegi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela