Basha Ba Botsa Jaana . . .
A Ke Tshwanetse go Kolobediwa?
SUSANA wa dingwaga di le 13 o ne a le gaufi thata le go bolawa ke kankere fa a ne a nna gone kwa kopanong ya gagwe ya bofelo ya Basupi ba ga Jehofa. O ne a sa itse gore o ne a tla swa mo malatsing a le lesome fela. Lefa go le jalo, tota le eleng le kankere ga e a ka ya mo thibela gore a diragatse keletso ya gagwe eo a neng a e eletsa thata: eleng ya go kolobediwa jaaka Mosupi yo o ineetseng wa ga Jehofa le morutwa wa ga Jesu Keresete.
Susana e ne e le yo mongwe fela wa basha ba ba diketekete ba ba leng mo gare ga Basupi ba ga Jehofa ba dingwaga tsa bosheng jaana bao ba ileng ba anaanela thata tshiamelo ya go kolobediwa. Mme gongwe o fitlhela kgonego ya go tsaya kgato eno ya bopelokgale e le eo e tshosang. E se ka go bo o sa dumele boammaaruri jo bo thailweng mo Bibeleng jo o bo rutilweng. O ka nna wa bo o nna gone ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete ebile o ka nna wa bo o nna le seabe ka metlha mo go boleleleng ba bangwe boammaaruri jwa Bibela. Lefa go le jalo, fa go tsenwa mo go neeleng botshelo jwa gago mo Modimong, o ka nna wa bo o okaoka. Ka jalo he, kolobetso e botlhokwa go le kana kang? Mme ke ka ntlhayang fa basha ba le bantsi ba e tila jaana?
Bodumedi Kwantle ga Boineelo
Mo go Labodumedi, go kolobediwa ga basha ke kgang eo gantsi e tlogelelwang batsadi ba bone. Ditumelo dingwe di kgothaletsa batsadi gore ba kolobetse bana ba bone esale masea. Mme tota le eleng lefa kolobetso e le ya bagolo, ka tlwaelo fela go lebeletswe gore basha ba latele bodumedi jwa batsadi ba bone ka metlha, ga se selo seo ba ka se itlhophelang.
Lefa go le jalo, se se kgatlhisang ke gore patlisiso nngwe ya Gallup kwa United States e ne ya senola gore lemororo “mo e ka nnang basha botlhe (96 lekgolong) ba dumela gore Modimo o gone,” ke 39 lekgolong fela eo e rapelang ka metlha. Mme ke 52 lekgolong fela eo e neng e na le tshepo nngwe mo bodumeding bongwe. Ka jalo Diane yo mmotlana o ntsha maikutlo a a tshwanang le a bone fa a bolela jaana: “Ke dumela mo Modimong le gotlhe go go malebana le ene, mme ke dumela thata mo go lekeng fela go nna motho yo o siameng go na le gore ke bale sengwe le sengwe se se mo Bibeleng.”
Ee, eleruri bodumedi e ka nna maatla fela ao a seng a sepe, fa mosha a gogetswe mo go jone fela ke motsadi wa gagwe. Patlisiso nngwe eo e neng ya dirwa ya setlhopha sa basha bangwe ba diganana ba Bakatoliki e ne ya bontsha seno ka mo go oketsegileng. Bontlhanngwe jwa bone ba ne ba nna gone kwa kerekeng. Ba le bantsi ba bone ba ne ba itse dithuto tsa motheo tsa tumelo ya bone. Mme mo e ka nnang 90 lekgolong ya bone ba ne ba sa dumalane le go utswa. Lefa go le jalo, go feta peditharong ya bone e ne e le magodu! Buka ya The Adolescent e ne ya akgela jaana: “Lebaka lengwe e ka nna ya tswa e le gore boitlamo jwa bodumedi jwa basimane bao e ne e le jo bobotlana fela. Botlhe ba tsetswe e le Makatoliki; boitlamo jwa bone jwa pele ba ne ba bo direlwa ke batsadi ba bone. Bodumedi jwa bone e ne e se jwa bone tota.”
Kolobetso—Lebaka la go bo e le Selo Seo se Tlhokafalang mo Mokereseteng
Go a tshwanela, he, go bo Bibela e batla gore wena—eseng batsadi ba gago—o dire boineelo ka namana mo Modimong.a ‘Go siame he,’ o ka nna wa rialo, ‘mme fa boineelo e le selo seo motho a ka se itirelang ka namana, selo seo se leng fa gare ga me le Modimo, ke ka ntlhayang fa ke tshwanetse go kolobediwa?’
Ke ka gonne kolobetso e kopanyeletsa ‘poloko ya moya wa gago.’ (1 Petere 1:9) Modimo o ikaeletse go “itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu: E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègō e e sa khutleñ.” (2 Bathesalonia 1:8, 9) Dilo tsotlhe tse di diragalang di bontsha gore tshenyego eno e tla tla mo motlheng wa rona.b
Lefa go le jalo, thato ya Modimo ke gore “batho botlhe ba kè ba bolokwè.” (1 Timotheo 2:4) O batla gore o falole bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo mme o tshelele ruri mo paradaiseng e e mo lefatsheng! (Tshenolō 21:3, 4) Mme o ka itshupa jang gore o utlwa mafoko a a molemo? Ga go a lekana gore fela o dumele boammaaruri jwa Bibela jo o bo rutilweng, ebile ga go a lekana fela gore o nne o sale batsadi ba gago morago go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. (Bapisa Yakobe 2:19) Bao ba eletsang poloko ba tshwanetse ba ineela mo Modimong mme ba dire thato ya gagwe. Moaposetoloi Paulo o bolela jaana go Baroma 12:1: “Ke gōna, ba ga echo, kea lo rapèla ka mautlwèlō botlhoko a Modimo, gore lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, [“se se neetsweng,” The New English Bible] le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō e e lo lebanyeñ.”
Mme boineelo ga e kake ya nna fela selo seo se dirwang kwa thoko. Mo godimo ga moo, ke ka tsela efe morutwa totatota a ka nnang motho yo o nang le poifo kana yo o ineetseng? (Bapisa Yohane 19:38.) A o ne o ka ikanya tsala eo e neng a ka batla gore go se nne ope yo o itseng ka botsala jwa lona? Ka jalo he, ke ka tsela e e botlhale go bo Modimo a batla gore botlhe ba ‘dire boipolelo jwa patlalatsa go isa polokong.’ (Baroma 10:10, NW) Seno se simolola fa o kolobediwa. Ka nako eo, motho o bolela tumelo ya gagwe. Morago ga moo go latele go kolobediwa mo metsing. (Mathaio 28:19, 20) Lefa go le jalo, go nwediwa mo metsing go botlhokwa go le kana kang?
Kolobetso ga se go tlhapa leswe fela; ke go fitlhiwa ka tsela ya tshwantshetso. Fa o tsena mo metsing a kolobetso, go bolela gore o sule mo tseleng ya gago ya pele ya botshelo. Pele, dilo tseo o di ratang ka namana, mekgele ya gago, le dikeletso tsa gago e ne e le tsone tse di tlang pele mo botshelong jwa gago. Mme Jesu o ne a bolela gore barutwa ba gagwe ba tshwanetse ba ‘iitatola.’ (Mareko 8:34) Ka jalo fa o tlhatlosiwa, o gakololwa gore jaanong o tshelela go dira thato ya Modimo. Tiro eno ya bopelokgale, eo o e dirang phatlalatsa ke karolo e e botlhokwatlhokwa ya go go tshwaya gore o tla bolokwa!—Esekiele 9:4-6; bapisa 1 Petere 3:21.
‘Ke Tshaba Gore ke tla Kgaolwa’
Fa kolobetso e le botlhokwa go le kana kana, he, ke ka ntlhayang fa basha bangwe ba e tila? Tsogang! e ne ya botsa yone potso eo e e botsa basha ba le mmalwa ba Bakeresete. Mosetsana mongwe o ne a bolela jaana: “Ba le bantsi ba ikutlwa gore ba tla gololesega thata fa ba sa kolobediwa. Ba akanya gore fa ba tsena mo mathateng, ga ba na ba bonwa molato go le kalo.” Mosha mongwe yo o bidiwang Robert o ne a boeletsa kakgelo eno ka go bolela jaana: “Ke akanya gore basha ba le bantsi ba okaoka go kolobediwa ka gonne ba tshaba gore ke kgato ya bofelo eo motho a ka sekang a tswa mo go yone. Ba akanya gore fa ba dira sengwe se se phoso, ba tla tlosiwa mo phuthegong.”
Ke boammaaruri gore motho ga a kake a tswa mo go ineeleng mo Modimong. (Bapisa Moreri 5:4.) Motho yo o ineelang mo Modimong o tsaya boikarabelo jo bo masisi. O patelesega gore a “tsamaeè mo go chwanetseñ Morèna, [a ntse a o] kgatlha gotlhe.” (Bakolosa 1:10) Motho yo o nang le seabe mo go direng phoso o nna le mo kotsing ya go lelekwa mo phuthegong ya Bokeresete.—1 Bakorintha 5:11-13.
Lefa go le jalo, motho ga a kake a akanya gore fa a sa kolobediwa, seo se raya gore o ka dira sengwe le sengwe se a se ratang. Ka gonne “eo o itseñ go diha molemō, me a sa o dihe, ke boleo mo go èna,”—a kolobeditswe kana a sa kolobediwa! (Yakobe 4:17) Motho a ka nna a tila go lelekwa mo phuthegong, mme ga a kake a falola katlholo ya ga Jehofa. “Lo se ka lwa tsietsega,” Paulo o tlhagisa jalo, “ga go na gore o ka tsietsa Modimo; ka gonne motho o tla roba sone fela seo a se jetseng.”—Bagalatia 6:7, Byington.
Gantsi go tshaba go kgaolwa tota go fitlha keletso ya motho ya go dira phoso nngwe. Mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Natalie o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Ke ne ka godisiwa mo lefatsheng la ga Satane mme ke itse seo le leng sone. Mme basha ba le bantsi ba batla go tswa mme ba ipelele se se diregang teng.” Go na le gore o letle dikeletso tse di phoso gore di go itse go kolobediwa—kana go letla gore di go tlhotlheletse go dira phoso—ke ka ntlhayang fa o sa senke thuso, gongwe o bolelele motsadi kana Mokeresete mongwe yo o godileng?—Yakobe 1:14, 15.
Eleruri, kgololesego eo lefatshe la ga Satane le e neelang ke go tsietsa fela. Jaaka moaposetoloi Petere a ne a bolela ka bangwe bao ba neng ba tsieditswe ka motlha wa gagwe: “Ba re, ba tla ba naea kgololesègō, me bōnè ka bosi e le batlhanka ba sebodu; gonne se motho o heñwañ ke shōna, ke shōna se o tseñwañ mo botlhankeñ ke shōna.” (2 Petere 2:19) A tota ke go gololesega go letla gore go akanya ga gago, go itshwara ga gago, le boitsholo jwa gago di laolwe ke ba bangwe? A tota ke go gololesega go tsenelela mo ditirong tseo di gogelang kwa malwetsing, kwa dilong tse di tlhabisang ditlhong, le eleng le kwa losong kgabagare?—Diane 5:8-14.
Mosha mongwe wa Mojapane yo o neng a bidiwa Hitoshi o ne a lebana le dipotso tsone tseo. O ne a godisiwa ke batsadi ba Bakeresete mme o gakologelwa jaana: “E ne e re fa ba bangwe bone ba ya go tshameka, nna ke bo ke tshwanetse go ya dipokanong. Ke ne ke batla kgololesego e e oketsegileng. Ke ne ke akanya gore ke ne ke tingwa sengwe.” Ee, jaaka mopesalema Asafe, o ne a nna “pelotshètla” ka baikepi. (Pesalema 73:2, 3) Mme morago ga gore a akanye ka ntlha eno ka kelotlhoko, Hitoshi o ne a simolola go ikutlwa ka tsela e e farologaneng. O bolela jaana: “Ke ne ka lemoga seo botshelo jwa me e neng e tla nna sone kwantle ga boammaaruri—ke ne ke ipona ke tshela dingwaga di le 70 kana di le 80 mme ke bo ke swa. Mme Jehofa o solofetsa botshelo jo bo sa khutleng!” Ka jalo Hitoshi o ne a dira boineelo go Modimo mme o ne a kolobediwa.—Bapisa Pesalema 73:19-28.
A o tlhotlheletsega gore o dire se se tshwanang le wena? Mosha mongwe yo o neng a bidiwa David o ne a tlhotlheletsega go dira jalo. O gakologelwa jaana: “Go kolobediwa jaaka mosha go ne go ntshireletsa. . . . Bangwe ba basha ba ba sa kolobediwang mo phuthegong ba ne ba ikutlwa ba gololesegile mo go laolweng ke bagolwane mme ka ntlha ya moo ba ne ba tsenelela mo boitshwarong jo bo maswe. Mme ka metlha ke ne ke gakologelwa gore ke ne ke neetse botshelo jwa me go Modimo.” Lefa go le jalo, gongwe ga o tlhomamisege gore a tota o siametse go tsaya kgato eno. Tshedimosetso eo e tla go thusang e tla neelwa mo setlhogong se se latelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Dintlha tse di malebana le ka moo go kolobetsa masea go sa utlwaleng ka gone di tlotliwa mo setlhogong se se reng “A Masea a Tshwanetse go Kolobediwa” se se mo tokololong ya Tora ya Tebelo ya March 15, 1986.
b Bona buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, (eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.) kgaolo 18.
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Tshwetso ya go direla Modimo ke eo e ka dirwang ke wena fela. Kolobetso e tshwaya motho jaaka morutwa yo o ineetseng wa ga Keresete Jesu