Ke Siametse go Ka Kolobediwa?
Mokgatlho O O Rategang wa Watchtower:
Leina la me ke Sharon mme ke na le dingwaga di le 13. Ke ntse ke ipotsa gore a ke siametse go ka kolobediwa. Ke akanya gore ke go siametse, mme ke santse ke ise ke tlhomamisege. Ke tlhomamisa gore basha ba bangwe ba Bakeresete le bone ba akanya ka seno. Tswee tswee a lo ka kwala setlhogo sengwe seo se ka thusang go mpaya mo tseleng?
SHARON o bua boammaaruri. Basha ba le bantsi ba ba boifang Modimo eleruri ba akanya ka kolobetso. Mo gare ga Basupi ba ga Jehofa, basha ba lemoga gore ba tshwanetse go itirela tshwetso ka namana ya go direla Modimo, gore batsadi ba bone ga ba kake ba ba direla tshwetso eo. Gape ba lemoga lebaka la gore Jesu Keresete o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba bontshe go ineela ga bone mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing.—Mathaio 28:19, 20.
Go dira boineelo jwa phatlalatsa jaaka motlhanka yo o ineetseng wa Modimo ke boikarabelo jo bogolo. Eleruri o ka se rate go tsena mo go yone ka lepotlapotla e le fela gore o tle o itumedise ditsala tsa gago kana batsadi ba gago. Mo godimo ga moo, ga go na ope yo o tshwanetseng a go pateletsa gore o kolobediwe. (Pesalema 110:3) Lefa go le jalo, Jesu o ne a gakolola botlhe gore ‘ba bale ditshenyegelo’ tsa go nna barutwa ba gagwe. (Luke 14:28, NW) Seno ga se reye gore o lebe gore a o batla go nna morutwa wa ga Keresete kana ga o batle. Kwantle ga pelaelo, seno ke selo se se siameng seo se tshwanetseng sa dirwa. Lefa go ntse jalo, o tshwanetse wa bo o itse ka botlalo seo go nna Mosupi wa ga Jehofa go se kopanyeletsang.a Gape, o tshwanetse wa tlhomamisa gore a tota o siametse go ka nna le boikarabelo joo.—Bapisa Diane 20:25.
‘A Ke Godile Ka Mo Go Lekaneng?’
Jaaka fa basha ba ntse ba gola, gantsi ba ikutlwa gore ba na le tshwanelo ya go ipelela ditshiamelo dingwe le maikarabelo mangwe. Ba potlakela go batla go kgweetsa sejanaga sa mo gae, go kopa tetla ya go dira ditiro tsa boitshediso tsa fa sekolo se tswa, ba batla madi ao e leng a bone ao ba a dirisang. Mme fa go tsenwa mo go kolobediweng, basha ba le bantsi ba ipata ka gore ba santse ba le babotlana thata kana gore ga ba ise ba siamele boikarabelo joo. Mosha mongwe yo o bidiwang Andre o bolela jaana: “Basha ba le bantsi ba leta go fitlha ba nna le dingwaga di le 17 kana di le 18 gore ba kolobediwe, mo ba setseng ba golagodile.” Ka ntlhayang? “Ka gonne pelenyana ga moo ba bo ba le bagolo ka mo go lekaneng go ka dira ditshwetso tse dingwe ba di itirela ka bobone.”
Ee, lebaka fela la go bo o le mosha ga se lone seipato sa gore o ‘akabale mo gare ga maikutlo a mabedi,’ ebile ga se lebaka le le utlwalang la gore o seka wa tsaya kgato ya go nna Mokeresete. (1 Dikgosi 18:21) “U gakologèlwè Mmopi oa gago mo metlheñ ea bokau yoa gago,” Bibela e gakolola jalo. (Moreri 12:1) Moperofeti Samuele e ne e le mongwe yo o neng a simolola go direla Jehofa a santse a le mmotlana thata. (1 Samuele 3:1-18; 12:2) Mopesalema Dafide le ene o ne a ka bolela jaana: “U cholohèlō ea me, Yehofa, Modimo: u sa le u nna boikanyō yoa me le mo bokauñ yoa me.”—Pesalema 71:5.
Ka mo go tshwanang, diketekete tsa basha ba Bakeresete gompieno—go kopanyeletsa le bao ba leng mo dingwageng tswa bone tsa pele ga tsa bolesome—ba ile ba itshupa ba godile ka mo go lekaneng gore ba ka ineela go direla Modimo. Legale ke boammaaruri gore, basha bangwe ga ba ise ba kgone go tsaya dilo ka tsela e e masisi mme e santse e le bana thata mo tlhaloganyong ebile ga ba ise ba gole mo maikutlong gore ba ka dira tshwetso e kgolo jaana e e ntseng jaaka kolobetso. (Diane 22:15) A mme tota go ntse jalo le ka wena? (Kwantle ga pelaelo batsadi ba gago ba ka nna le go le gontsi go ba ka go buang mo ntlheng eno.) Modimo ga a lebelela motho yo mosha gore a nne yo o godileng go tshwana le motho yo o nang le dingwaga di le 40. O itse sentle gore o santse o le kafa tlase ga “dithatō tsa bokau.” (2 Timotheo 2:22) Mme fa o godile ka mo go lekaneng go ka tsaya dilo ka tsela e e masisi ka tshwanelo ebile o dira dilo segolo, he go bonala o godile ka mo go lekaneng go ka akanya ka go dira boineelo. Lefa go le jalo, go na le dipotso tse dingwe tseo o tshwanetseng wa di ipotsa.
‘A Ke Na Le Kitso E E Lekaneng?’
Buka ya The Adolescent, ka F. Philip Rice, e bolela gore “kgopolo e e bokoa fela, e e leng ya bongwana malebana le bodumedi gantsi ga e kitla e itsetsepela tlase ga tlhaselo le teko.” Lefa go le jalo, Mr. Rice o bolela jaana: “Go na le dilo dingwe tse di bontshang gore basha ba gompieno ga ba itse sepe ka mo go utlwisang botlhoko. Patlisiso kaga kitso ya Bibela mo baithuting ba ba mo ngwageng wa bonè wa bobedi wa yunibesithi ya Porotesetanta le ya Bojuda e ne ya bontsha fa totatota ba sa itse sepe ka Tesetamente e Kgologolo le e Ntšha.”
Ga go a tshwanela ga nna jalo ka motho yo o kolobediwang. Motho o tshwanetse santlha ‘a nne le kitso’ gore a tle a nne morutwa, kana motho yo o rutilweng. (Yohane 17:3; Mathaio 28:19) Ka jalo a go tla bo go sa utlwale go lebelela gore pele ga o kolobediwa, o bo o itse bobotlana “ditlhaka tsa tshimologō tsa mahoko a Modimo”? (Bahebera 5:12) Seno se ne se tla kopanyeletsa gore o itse seo Bibela e se rutang mo dintlheng tse di jaaka moya, boemo jwa baswi, go itshepisiwa ga leina la Modimo, Bogosi, le thekololo.
Ke boammaaruri gore, o tshwanetse wa bo o itse sengwe kaga Bibela fela ka ntlha ya go bo o ne o tlo o tsamaye le batsadi ba gago go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Mme kitso eo o e boneng ka tsela eo e ka nna eo e seng ya sepe ebile ga go bonale e ka “ema tlase ga tlhaselo le teko.” O tshwanetse wa kgona go neela ba bangwe “lebaka la tsholofelo eo o nang nayo.”—1 Petere 3:15, NW.
Terry o bolela gore o ne a dumela boammaaruri jwa Bibela. Lefa go le jalo o ne a ipolela jaana: “Ke ne ke ise ke ko ke tsamaye ke ikgotsofatse ka go botsa dipotso tse eleng tsa me ka namana mme ke bo ke di araba. Bosheng jaana, ke ne ka simolola go dira seno.” Diphelelo tsa thulaganyo eo ya thuto ya Bibela e ne ya nna dife? “Tumelo ya me e a oketsega, mme jaanong ke fitlhela gore ke kgona go bua le batho ka tsholofelo. Ke bolelela basha botlhe ba Basupi gore ba seka ba tshaba go ipotsa gore a seno ke boammaaruri. Batlisisa! Dira patlisiso, ithute. ‘Tlhomamisa dilo tsotlhe.’ Ka go dira jalo o tla kgona go ineela ka pelo yotlhe mo go Jehofa.”—1 Bathesalonia 5:21.
“Badihi ba Lehoko”
Lefa go le jalo, re tshwanetse ra nna “badihi ba lehoko, e señ bautlwi hèla.” (Yakobe 1:22) Ga o kake wa ineela gore o kolobediwe mme o bo o le motho yo o ‘fitlhang seo o leng sone’ ka go fitlha ditiro tse di phoso tse di masisi. (Pesalema 26:4) Ditiro tseo tse di phoso di ka kopanyeletsa boitshwaro jo bo maswe jwa kafa dikobong, botagwa, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, kana maleo ape fela ao a umakilweng mo go 1 Bakorintha 6:9, 10. Fa e le gore o ile wa nna le mathata mo dintlheng tseno, ke ka ntlhayang fa o sa rulaganye le batsadi ba gago gore lo buisane le bangwe ba bagolwane ba Bakeresete? Tlhomamisega gore o tla thusiwa ka bopelonomi.—Yakobe 5:14, 15.
Gape e ka nna ya tswa e le gore go tlhokega gore o dire diphetogo dingwe malebana le ka moo o tshwereng batsadi ba gago ka gone kana kafa o lebang kgakololo eo e tswang mo bagolwaneng ba Bakeresete ka gone, le eleng malebana le tsela eo o tlhophang ditsala ka yone. (Diane 6:20; 13:20; 1 Bakorintha 15:33; Bahebera 13:17) Go ka nna ga seka ga nna bonolo go dira diphetogo tseo, mme Diane 11:19 e re gakolola jaana: “Eo o nitameñ mo tshiamoñ o tla hitlha kwa botsheloñ: me eo o latèlèlañ boshula o diha yalo go tla a inaea losho.”
A Jehofa o batla gore o nne motho yo o sa direng diphoso? Le eseng. “E mañ eo o ka reñ, Ke ntlahaditse pelo ea me, ke itshekile mo boleoñ yoa me?” go botsa jalo Diane 20:9. Ereka re sa itekanela, re sekametse mo go direng diphoso. Mme ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, re ka nna mo boemong jo bo molemo le Modimo. (1 Yohane 2:1, 2) Ka sekai, mosha yo o lwantshanang ka natla kgatlhanong le tlwaelo nngwe e e maswe, e e ntseng jaaka tlwaelo e e maswe ya go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ga a tshwanela go ikutlwa gore ga a tshwanelege go ka kolobediwa.b Eleruri, ka go lwantshana le bosula ka tlhoafalo, motho a ka kgona go dira gore pelo ya ga Jehofa e itumele!—Diane 27:11.
‘A Ke Dirile Modimo Tsala ya Me?’
Lefa go le jalo, gongwe potso e e masisi thata ke e e malebana le kamano ya gago le Modimo. Gakologelwa: O ineela, eseng mo tirong kana mo selong sengwe, kana gongwe mo mokgatlhong mongwe, mme o ineela mo Modimong ka boone. A Modimo o lebega e se motho wa mmatota mo go wena, a le kgakala le wena? Kana a o mo itse le go mo rata jaaka Motho? (Ekesodo 34:6, 7) Fa go le jalo, o tla iphitlhela o bua le ene gangwe le gape, eseng ka go diragatsa molao fela, mme e le go tswa pelong.—Pesalema 62:8.
Gape o tla iphitlhela o batla o patelesega go bolelela ba bangwe kaga Modimo. (Bapisa 2 Bakorintha 5:14.) Diane 15:7 e bolela jaana: “Dipounama tsa ba ba tlhalehileñ di gasa kicō.” A o dira jalo ka go rerela ba bangwe ka metlha? Kana a o letla boitlosobodutu, go ijesa monate, kana le eleng botshwakga go go thibela go thusa ba bangwe gore ba itse Modimo?—Diane 19:24.
Ee, gore kolobetso e tle e nne e e nang le bokao, Modimo e tshwanetse ya nna tsala ya gago e o atamalaneng thata le yone. (Bapisa Yakobe 2:23.) Fa go se jalo jaanong, phoso ga se ya Modimo, ka gonne o laletsa botlhe ka boitumelo gore ba mmatle. (Ditihō 17:27) Mme fa o ganelela mo go ithuteng ka bowena, mo go rapeleng, le go nna o kopanela le batho ba one, e tla re fa nako e ya o tla kgona go utlwa o atamalane le Modimo. (Baroma 12:12; 1 Timotheo 4:15; Bahebera 10:24, 25) Kolobetso e tla nna selo sa tlholego fela seo se tla nnang gone fa o ‘atamela Modimo jalo.’—Yakobe 4:8.
Ka sekai, akanya ka mosetsana mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Cindy. O kwala jaana: “Ke ne ka kolobediwa fa ke ne ke na le dingwaga di le 14. Ke itse ka moo go leng ka teng go okaoka go dira jalo. Mme ke rata go lo bolelela gore ke selo se sentle go gaisa seo o ka se dirang. A o ke o akanye fela, o itse gore Jehofa o go amogetse le gore ‘ga a kitla a go tlogela kana go go latlha’! (Bahebera 13:5) Fa mongwe a ne a ka mpotsa gore a o tshwanetse go ineela mo go Jehofa, ke ne ke tla re ee! Mme o seka wa go dira ka gonne o rata go kgatlhisa motho mongwe o sele. Dira jalo ka gonne o batla.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona “A Ke Tshwanetse ka Kolobediwa?” e e mo tokololong eno ya Tsogang!
b Bona dikgaolo 25, 26 tsa buka ya Dipotso Tseo Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Batho ba le bantsi ba basha ba a tshwanelega go ka kolobediwa. Wena?