Maikutlo a Bibela
A Saense E Dirile Bibela Gore E Nne Selo Se Se Sa Tlholeng Se Dira?
A SAENSE, ka ntlha ya tsela e e gatetseng pele ya go tlhaloganya lobopo eo e nang le yone, e fetotse Bibela gore e nne mainane le ditlhamane tseo di kgobokantsweng? Batho ba le bantsi ba akanya jalo gompieno. A o akanya jalo?
Gongwe, jaaka fa go ntse ka ba le bantsi, o ile wa rutiwa gore o akanye ka tsela eo go tloga bongwaneng jwa gago go tswela pele mme lefa go ntse jalo ga go le ka motlha ope o kileng wa tsamaya wa tlhatlhoba kgopolo eno. Re go laletsa gore o e tlhatlhobe jaanong. A o ke o tlhokomele sekai se le sengwe fela ka monwana, polelo eo e boletsweng mo Bibeleng malebana le lebopo la tlholego. E ne e se fela gore polelo eno e ne e ganetsa gotlhelele seo bomankge ba motlha oo ba neng ba se bolela mme mo godimo ga moo e ne e ganetsa seo borasaense ba neng ba santse ba se bolela mo diketeketeng tsa dingwaga morago ga moo.
Kgopolo Eo Eleng Malebana le Maatlakgogedi
Ke eng seo lefatshe le dutseng mo godimo ga sone? Ke eng seo se tshegeditseng ngwedi, letsatsi, le dinaledi? Dipotso tseno di ile tsa jesa batho kgakge ka diketekete tsa dingwaga. Malebana le lefatshe, Bibela e na le karabo e e motlhofo. Mo go Yobe 26:7 e bolela gore Modimo o ‘lepeleditse lefatshe kwa go seng sepe.’ Mo Sehebereng sa kwa tshimologong, polelwana e e diriseditsweng “kwa go señ sepè” (beli-mahʹ) fano fa e tsewa fela jaaka e ntse e kaya “eseng sepe,” mme leno ke lone fela lekgetlo leo e tlhagang mo go lone mo Bibeleng. Setshwantsho seo le se neelang sa lefatshe le dikologilwe ke sebaka se se lophaka bakanoki ba se leba jaaka “ponatshegelo e e tlhomologileng,” segolobogolo ka ntlha ya motlha oo le boletsweng mo go one.a
Eno e ne e se tsela eo batho ba le bantsi ba neng ba akanya gore lefatshe le ntse ka gone mo metlheng eo. Kgopolo nngwe ya bogologolo e ne e le ya gore lefatshe le dutse mo godimo ga ditlou tseo di emeng ka maoto mo godimo ga khudu nngwe e e boitshegang.
Aristotle, eleng ramatlhale ebile e le rasaense yo o tumileng wa Mogerika wa ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E., o ne a ruta gore lefatshe le ka motlha le ne le se kake la bo la lepelela fela mo sebakeng se se senang sepe. Mo boemong jwa moo, o ne a ruta gore dipopo tseno tse di kwa legodimong nngwe le nngwe ya tsone e ne e dutse mo godimo ga dilo dingwe tse di kgolokwe, tse di komota, tse di boneletsang. Selo seno se se kgolokwe se ikgarile mo teng ga se sengwe. Sa lefatshe e ne e le sone se se kwa teng teng ga tsone tsotlhe; se se kafa ntle ga tsone tsotlhe e ne e le seo dinaledi di leng mo go sone. Jaaka fa dilo tseno tse di kgolokwe di ne di ntse di dikologa se sengwe se le mo teng ga se sengwe, dilo tseo di leng mo go tsone—eleng letsatsi, ngwedi, le dipolanete—di ne di tsamaya go ralala loapi.
Polelo ya Bibela ya gore tota lefatshe le ‘lepeletse mo go seng sepe’ e nnile teng pele ga Aristotle ka dingwaga tse di fetang 1 100. Lefa go ntse jalo, Aristotle o ne a tsewa jaaka motho yo o botlhale thata ka motlha wa gagwe. Dikgopolo tsa gagwe di ne di santse di rutwa jaaka boammaaruri mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 morago ga loso lwa gagwe! Jaaka fa The New Encyclopædia Britannica e bolela, mo lekgolong la dingwaga la bo 16 le la bo 17 C.E., dithuto tsa ga Aristotle “di ne tsa tlhatlogela kwa godimo go fitlha di tshwana fela le thuto ya bodumedi” mo pele ga kereke.
Ramatlhale wa lekgolo la bosomethataro la dingwaga ebong Giordano Bruno o ne a ipeta pelo mme a gwetlha kgopolo ya gore dinaledi di “ngapareditswe mo selong jaaka go ka tualo sengwe seo se di dirang gore di ngaparelane.” O ne a kwala gore e ne e le “tumelo e e tshegisang eo bana ba neng ba ka e akanya, ka ba ithaya ba re gongwe fa [dinaledi] di ne di sa ngaparediwa mo selong seo se se kwa legodimong ka sengaparetsi sa ntshwarele ruri, kana di sa kokothelwa ka dimapo tse dikgolo go gaisa tsotlhe, di ne di tla re wela mo godimo jaaka sefako.” Mme lefa go ntse jalo go ganetsa Aristotle e ne e le go tshamekela mo molelong mo metlheng eo—kereke e ne ya dira gore Bruno a jewe ka molelo a ntse a ikutlwa e le ka ntlha ya go bo a ne a anamisa dikgopolo tseno tsa gagwe tse di sa tlwaelegang malebana le lebopo.
Mo Seeleding sa Lebopo
Erile fa go senwa go ribololwa sebonelakgakala, borasaense ba dinaledi ba le bantsi ba simolola go belaela seo Aristotle a neng a se bolela. Fa e le gore letsatsi, ngwedi, mmogo le dinaledi di ne di sa ngaparediwa mo dilong dingwe tse di kgolokwe tseo di tsamayang go dikologa lefatshe, he ke eng seo se neng se ka di tshegetsa kwa godimo le go di dikolosa? Rradipalo wa lekgolo la bosupa la dingwaga ebong René Descartes o ne a akanya gore o bone karabo. O ne a dumalana le Aristotle gore sebaka seo se leng teng magareng ga rona le dilo tse dingwe tseo di leng kwa legodimong se ne se se kake sa bo se le lophaka fela. Ka gone o ne a iphaka gore lebopo le tletse ka seeledi sengwe se se bonaletsang—eleng mofuta mongwe wa seeledi sa lobopo.
Kgopolo eno e ne e lebega e rarabolola mathata a le mabedi. Jwa ntlha, e ne e neela sengwe seo se ‘tshegetsang’ dipopo tseno tse di kwa legodimong gore di nne di le ‘kwa godimo’; tsotlhe di ne di lepeleditswe mo seeleng seno! Jo bongwe, e ne ya thusa go tlhalosa kafa dipolanete di tsamayang ka gone. Descartes o ne a bolela gore dipolanete di ne di tshwerwe ke maatla a makenete mo seeleding seno, eleng ao a neng a di dira gore di tsamaye go dikologa mo ditselaneng tsa tsone. “Kgopolo” eno “ya Gore go Na le Maatla a Makenete,” jaaka fa e ne ya bidiwa, e ka nna ya utlwala jaaka selo se se itswelang fela mo tlhogong gompieno. Mme lefa go ntse jalo e ne e le kgopolo e e tumileng mo go ithuteng ka lobopo go feta lekgolo la dingwaga mo dinageng dingwe.
Borasaense bangwe ba ne ba rata yone mo boemong jwa eno e ntšha: eleng molao wa gore go na le maatlakgogedi mo lobopong lotlhe wa ga Isaac Newton, oo o gatisitsweng ka 1687. Newton o ne a bolela gore dipolanete di ne di sa tlhoke dilo tsa semotšhini, tse di ka kgonang go tshwarega gore di di tshware kwa godimo. Metsamao ya tsone e laolwa ke maatlakgogedi ebile ke one a di dirang gore di nne di ngaparetse ditselana tsa tsone di sa di tlogele. Tota, di lepeletse mo sebakeng fela se se lophaka di sa tshegediwa ke sepe. Badirimmogo ba le bantsi ba ga Newton ba ne ba ja kgopolo eno ya gagwe ya maatlakgogedi ditshego. Mme le eleng Newton ka boene o ne a go fitlhela go le boima go ka dumela gore sebaka se lophaka fela, bontsi jwa sone se sena sepesepe.
Lefa go ntse jalo, dikgopolo tsa ga Newton e ne ya re kgabagare ya nna tsone di fenyang. Gompieno, go motlhofo thata mo go rona go ka lebala gore potso eno ya gore ke eng seo se tshegeditseng dipolanete kwa godimo e ile ya tsosa kgang e e matlho mahibidu mo gare ga borasaense ba ba rutegileng ebile ba le botlhale mo makgolong a dingwaga a le 32 a a fetileng morago ga Bibela e sena go bolela motlhofo fela gore lefatshe le ‘lepeletse kwa go senang sepe.’ Jobe o ne a ka itse jang go kwala dilo ka tsela e e ntseng jalo? O ne a ka bolela jang gore go ne go sena sepe se se tshegeditseng lefatshe gore le nne le le kwa godimo, fa go ne ga tsaya “bomankge” dingwaga tse di fetang 3 000 kgakala gore ba fitlhe mo go yone tshwetso eo?
Ke Ka Ntlhayang Fa Bibela E Kgona go Itse Dilo Pele ga Nako Thata Jaana?
Bibela e neela karabo e e utlwalang. Mo go 2 Timotheo 3:16 re bala jaana: “Lokwalō loñwe le loñwe lo . . . [kwadilwe] ka tlhotlheleco ea Modimo.” Ka gone Bibela ga se selo se se ikwaletsweng ke motho fela ka ntlha ya botlhale jwa gagwe mme, go na le moo, ke selo se se boammaaruri seo Mmopi a fetisetsang dikgopolo tsa gagwe mo go rona ka sone.
Go botlhokwatlhokwa gore o iponele ka bowena gore a seo Bibela e se bolelang se boammaaruri. (1 Bathesalonia 2:13) Ka go dira jalo o ka kgona go bona dikgopolo tsa Motho yo o re tlhodileng a bo a re bopa. Ke motswedi ofe o mongwe wa tshedimosetso o o leng teng oo o neng o ka re bolelela seo se tlileng go diragala mo isagweng le kafa re ka tshelang ka gone ka boitumelo, le ka tsela e e busetsang mo lefatsheng leno le le tletseng dipharagobe?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Theological Wordbook of the Old Testament e bolela jaana: “Yobe 26:7 e tlhalosa lefatshe leo le neng le itsewe ka nako eo ka tsela eo e gakgamatsang thata jaaka leo le lepeleditsweng mo lefaufaung, ka gone e bonela pele phitlhelelo eo e neng e tlile go dirwa mo isagweng ke saense.”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
By permission of the British Library